Dipesalema 111:1-10
111 Bakang Jah!*+
א [Aleph]
Ke tla baka Jehofa ka pelo ya me yotlhe+ב [Beth]Mo setlhopheng se se phuthegileng sa batho ba ba ikanyegang le mo phuthegong.
ג [Gimel]
2 Ditiro tsa ga Jehofa di dikgolo;+ד [Daleth]Botlhe ba ba di ithutang ba a di itumelela.+
ה [He]
3 Tiro ya gagwe e a galalela e bile e ntlentle,ו [Waw]Mme tshiamo ya gagwe e nnela ruri.+
ז [Zayin]
4 O dira gore ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang di gopolwe.+
ח [Heth]
Jehofa o pelotlhomogi* e bile o kutlwelobotlhoko.+
ט [Teth]
5 O naya ba ba mmoifang dijo.+
י [Yod]
O gakologelwa kgolagano ya gagwe ka bosakhutleng.+
כ [Kaph]
6 O senoletse batho ba gagwe ditiro tsa gagwe tse di maatlaל [Lamed]Ka go ba naya boswa jwa ditšhaba.+
מ [Mem]
7 Ditiro tsa diatla tsa gagwe di boammaaruri e bile di tshiamiso;+נ [Nun]Ditaelo tsa gagwe tsotlhe di a ikanyega.+
ס [Samekh]
8 Ka metlha di ka ikanngwa,* gone jaanong le ka bosakhutleng;ע [Ayin]Di dirilwe ka boammaaruri le ka tshiamo.+
פ [Pe]
9 O golotse batho ba gagwe.+
צ [Tsade]
O laetse gore kgolagano ya gagwe e nne ka bosakhutleng.
ק [Qoph]
Leina la gagwe le boitshepo e bile le a boitshega.+
ר [Resh]
10 Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale.+
ש [Sin]
Botlhe ba ba ikobelang ditaelo tsa gagwe* ba bontsha gore ba na le temogo e kgolo.+
ת [Taw]
O tshwanetse go bakwa ka bosakhutleng.
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa “Halelujah!” “Jah” ke khutshwafatso ya leina Jehofa.
^ Kgotsa “pelontle.”
^ Kgotsa “di tlhomame.”
^ Seheb., “ba ba di ikobelang.”