Dipesalema 116:1-19
116 Ke rata JehofaKa gonne o utlwa* lentswe la me, o utlwa dithapelo tsa me tsa go kopa thuso.+
2 Gonne o ntshekegela tsebe,*+Mme ke tla goela kwa go ene fa fela ke sa ntse ke tshela.*
3 Dikgole tsa loso di ne di mpofile thata;Lebitla le ne la nngangatlela.*+
Ke ne ke fekeediwa ke matshwenyego le khutsafalo.+
4 Mme ke ne ka bitsa leina la ga Jehofa+ ka re:
“Ao tlhe Jehofa, nkgolole!”
5 Jehofa o pelotlhomogi* e bile o tshiamo;+Modimo wa rona o kutlwelobotlhoko.+
6 Jehofa o sireletsa ba ba se nang maitemogelo.+
Ke ne ke koafetse, mme o ne a mpoloka.
7 Mma ke ikhutse gape,Ka gonne Jehofa o ntiretse ka bopelonomi.
8 O nnamotse mo losong,O namotse leitlho la me mo dikeleding, o namotse lonao lwa me gore lo se ka lwa kgopiwa.+
9 Ke tla tsamaya fa pele ga ga Jehofa mo lefatsheng la ba ba tshelang.
10 Ke ne ke na le tumelo, ka jalo ke ne ka bua;+Ke ne ke bogisiwa thata.
11 Fa e le nna, ke ne ka tshoga ke bo ke re:
“Batho botlhe ke baaki.”+
12 Ke tla duela Jehofa ka engKa ntlha ya dilo tsotlhe tse di molemo tse a ntiretseng tsone?
13 Ke tla nwa se se mo koping gore ke mo lebogele go bo a mpolokile,Mme ke tla bitsa leina la ga Jehofa.
14 Ke tla diragatsa maikano a ke a diretseng JehofaFa pele ga batho ba gagwe botlhe.+
15 Loso lwa batho ba ba ikanyegang+Lo tlhwatlhwakgolo* mo matlhong a ga Jehofa.
16 Ke a go kopa tlhe Jehofa,Gonne ke motlhanka wa gago.
Ke motlhanka wa gago, morwa lelata la gago.
O nkgolotse mo dikgoleng tse ke neng ke le mo go tsone.+
17 Ke tla go ntshetsa setlhabelo sa go leboga;+Ke tla bitsa leina la ga Jehofa.
18 Ke tla diragatsa maikano a ke a diretseng Jehofa+Fa pele ga batho ba gagwe botlhe,+
19 Mo malwapeng a ntlo ya ga Jehofa,+Mo motseng wa Jerusalema.
Bakang Jah!*+
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa gongwe “Ke a rata ka gonne Jehofa o utlwa.”
^ Kgotsa “o obegela kwa tlase gore a ntheetse.”
^ Seheb., “mo malatsing a me.”
^ Seheb., “Matshwenyego a Sheole a ne a mpona.”
^ Kgotsa “pelontle.”
^ Seheb., “botlhokwa thata.”
^ Kgotsa “Halelujah!” “Jah” ke khutshwafatso ya leina Jehofa.