Dipesalema 99:1-9

  • Jehofa, Kgosi e e boitshepo

    • O ntse mo godimo ga ditšheruba (1)

    • Modimo yo o itshwarelang le yo o otlhayang (8)

99  Jehofa ke Kgosi.+ A ditšhaba di rorome. O ntse fa godimo* ga ditšheruba.+ A lefatshe le reketle.   Jehofa o mogolo mo Siona,E bile o kwa godimo, o okametse ditšhaba tsotlhe.+   A ba bake leina la gago le legolo,+Gonne le a boitshega e bile le boitshepo.   Ke kgosi e e maatla e e ratang tshiamiso.+ O tlhomamisa gore go dirwa se se siameng ka metlha. O tlisitse tshiamiso le tshiamo+ mo go Jakobe.   Tlotlomatsang Jehofa,+ Modimo wa rona mme lo ikobe* fa sebeong sa gagwe sa dinao;+O boitshepo.+   Moshe le Arone e ne e le bangwe ba baperesiti ba gagwe,+Mme Samuele e ne e le mongwe wa ba ba bitsang leina la gagwe.+ Ba ne ba tle ba goele kwa go Jehofa,Mme o ne a tle a ba arabe.+   O ne a tle a bue le bone go tswa mo pilareng ya leru.+ Ba ne ba boloka dikgakololo tsa gagwe le molao o a neng a ba o neile.+   O ne o ba araba wena Jehofa, Modimo wa rona.+ O Modimo yo o neng a ba itshwarela,+Le fa go ntse jalo, o ne o ba otlhaela* maleo a bone.+   Tlotlomatsang Jehofa, Modimo wa rona+Mme lo ikobe* fa pele ga thaba ya gagwe e e boitshepo,+Gonne Jehofa, Modimo wa rona o boitshepo.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa gongwe “fa gare.”
Kgotsa “obamele.”
Seheb., “o ne o diragatsa pusoloso kgatlhanong le.”
Kgotsa “obamele.”