Dipesalema 12:1-8
-
Jehofa o tsaya kgato
-
Mafoko a Modimo a itshekile (6)
-
Go mokaedi; ya molodi wa Sheminithe.* Pina ya ga Dafide.
12 Mpoloke tlhe Jehofa, ka gonne ga go tlhole go na le motho yo o ikanyegang;Batho ba ba ka ikanngwang ba fedile.
2 Ba a aketsana;Ba tsietsa ka melomo ya bone* e bile ba bua ka dipelo tse di boferefere.*+
3 Jehofa o tla kgaola loleme lwa yo o tsietsangE bile o tla tswala molomo wa yo o ikgantshang thata,+
4 Ba ba reng: “Re tla fenya ka go dirisa maleme a rona.
Re dirisa melomo ya rona jaaka re rata;Ke mang yo o ka nnang mong wa rona?”+
5 “Ka ntlha ya gore ba ba bogisiwang ba a gatelelwa,Ka ntlha ya gore bahumanegi ba a lela,+Ke tla dira sengwe,” go bua Jehofa.
“Ke tla ba golola mo go ba ba ba nyatsang.”*
6 Mafoko a ga Jehofa a itshekile;+A tshwana le selefera e e itshekisitsweng mo molelong o mogolo,* e e itshekisitsweng ga supa.
7 Jehofa, o tla ba disa;+O tla sireletsa mongwe le mongwe wa bone mo kokomaneng eno ka bosakhutleng.
8 Batho ba ba bosula ba tsamaya gotlhe fela ka kgololesegoKa gonne bomorwa batho ba rotloetsa bosula.+
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Seheb., “ka melomo e e borethe.”
^ Seheb., “ka pelo le pelo.”
^ Kgotsa “sotlang.”
^ Kgotsa gongwe “mo leubelong le le nyerolosang le le mo mmung.”