Dipesalema 135:1-21
135 Bakang Jah!*
Bakang leina la ga Jehofa;Ntshang pako, lona batlhanka ba ga Jehofa,+
2 Lona ba lo emeng mo ntlong ya ga Jehofa,Mo malwapeng a ntlo ya Modimo wa rona.+
3 Bakang Jah, ka gonne Jehofa o molemo.+
Opelelang* leina la gagwe dipako, ka gonne go a itumedisa.
4 Gonne Jah o itlhophetse Jakobe,O itlhophetse Iseraele gore e nne setšhaba sa gagwe se se kgethegileng.*+
5 Gonne ke itse sentle gore Jehofa o mogolo;Morena wa rona o mogolo go gaisa medimo e mengwe yotlhe.+
6 Jehofa o dira sengwe le sengwe se a batlang go se dira+Kwa legodimong le mo lefatsheng, mo mawatleng le mo mafelong otlhe a a boteng.
7 O dira gore maru* a tlhatloge go tswa kwa dikhutlong tsa lefatshe;O direla pula legadima;*O ntsha phefo mo matlong a gagwe a polokelo.+
8 O ne a kgemetha maitibolo a kwa Egepeto,A batho mmogo le a diphologolo.+
9 O ne a romela ditshupo le dikgakgamatso kwa Egepeto,+Mo go Faro le batlhanka botlhe ba gagwe.+
10 O ne a kgemetha ditšhaba di le dintsi+A bo a bolaya dikgosi tse di maatla+
11 E bong Sihone kgosi ya Baamore,+Oge kgosi ya kwa Bashana,+Le magosi otlhe a Kanana.
12 O ne a aba lefatshe la bone gore e nne boswa,Gore e nne boswa jwa batho ba gagwe ba Iseraele.+
13 Jehofa, leina la gago le nnetse ruri.
Go tuma* ga gago Jehofa, go tla tswelela go le teng mo dikokomaneng tsotlhe.+
14 Gonne Jehofa o tla femela* batho ba gagwe,+Mme o tla tlhomogela batlhanka ba gagwe pelo.*+
15 Medingwana ya ditšhaba ke selefera le gauta,Tiro ya diatla tsa motho.+
16 E na le molomo, mme ga e kgone go bua;+E na le matlho, mme ga e kgone go bona;
17 E na le ditsebe, mme ga e kgone go utlwa.
Ga go na mohemo mo molomong wa yone.+
18 Batho ba ba e dirang ba tla tshwana fela le yone,+Le botlhe ba ba e ikanyang ba tla tshwana le yone.+
19 Lona batho ba Iseraele, bakang Jehofa.
Lona ba lelapa la ga Arone, bakang Jehofa.
20 Lona ba lelapa la ga Lefi, bakang Jehofa.+
Lona ba lo boifang Jehofa, bakang Jehofa.
21 E kete Jehofa a ka bakwa go tswa mo Siona,+Ene yo o agileng mo Jerusalema.+
Bakang Jah!+
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa “Halelujah!” “Jah” ke khutshwafatso ya leina Jehofa.
^ Kgotsa “Letsang mmino.”
^ Kgotsa “thuo ya gagwe e e tlhwatlhwakgolo.”
^ Kgotsa gongwe “O direla pula mesele.”
^ Kgotsa “mouwane.”
^ Kgotsa “Leina.” Seheb., “Segopotso.”
^ Kgotsa “seka kgang ya.”
^ Kgotsa “o tla ikwatlhaya ka ntlha ya batlhanka ba gagwe.”