Dipesalema 118:1-29
118 Ntshetsang Jehofa ditebogo, ka gonne o molemo;+Lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri.
2 A jaanong Iseraele a re:
“Lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri.”
3 A jaanong ditlogolwana tsa ga Arone di re:
“Lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri.”
4 A jaanong ba ba boifang Jehofa ba re:
“Lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri.”
5 Ke ne ka goela kwa go Jah* ke le mo matshwenyegong;Jah o ne a nkaraba mme a ntlisa mo lefelong le le sireletsegileng.*+
6 Jehofa o ka fa letlhakoreng la me; ga nkitla ke boifa.+
Motho a ka ntira eng?+
7 Jehofa o ka fa letlhakoreng la me e le mothusi wa me;*+Ke tla itumelela go bona ba ba ntlhoileng ba fenngwa.+
8 Go botoka go tshabela mo go JehofaGo na le go ikanya batho.+
9 Go botoka go tshabela mo go JehofaGo na le go ikanya dikgosana.+
10 Ditšhaba tsotlhe di ne tsa nkokoanela,Le fa go ntse jalo, ke ne ka di lelekela kgakala+Ka leina la ga Jehofa.
11 Di ne tsa nkokoanela, ruri di ne di nkokoanetse,Le fa go ntse jalo, ke ne ka di lelekela kgakalaKa leina la ga Jehofa.
12 Di ne tsa nkokoanela jaaka dinotshe,Mme di ne tsa timiwa ka bonako fela jaaka molelo mo mmitlweng.
Ke ne ka di lelekela kgakala+Ka leina la ga Jehofa.
13 Ke ne ka kgoromediwa thata* gore ke we,Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a nthusa.
14 Jah ke lefelo la me le le sireletsegileng le nonofo ya me,E bile o fetogile poloko ya me.+
15 Selelo sa boitumelo se utlwalaMo ditenteng tsa basiami.
Seatla sa ga Jehofa sa moja se bontsha maatla a sone.+
16 Seatla sa ga Jehofa sa moja se a itlotlomatsa;Seatla sa ga Jehofa sa moja se bontsha maatla a sone.+
17 Nnyaa, ga nkitla ke swa, ke tla tshela,Gore ke tle ke bolele ditiro tsa ga Jah.+
18 Jah o ne a nkotlhaya mo go botlhoko,+Le fa go ntse jalo, ga a ka a letla gore ke swe.+
19 Mpuleleng dikgoro tsa tshiamo;+Ke tla tsena ka tsone ke bo ke baka Jah.
20 Eno ke kgoro ya ga Jehofa.
Basiami ba tla tsena ka yone.+
21 Ke tla go baka, ka gonne o ne wa nkaraba+E bile o ne wa fetoga poloko ya me.
22 Leje le baagi ba neng ba le ganaLe fetogile leje le legolo la sekhutlo.*+
23 Le tswa kwa go Jehofa;+Le a kgatlha.+
24 Leno ke letsatsi le Jehofa a le dirileng;Mo go lone, re tla ipela re bo re itumela.
25 Tsweetswee, re boloke tlhe Jehofa.
Tsweetswee, re thuse gore re fenye tlhe Jehofa.
26 A yo o tlang mo leineng la ga Jehofa a segofadiwe;+Re lo segofatsa re le mo ntlong ya ga Jehofa.
27 Jehofa ke Modimo;O re naya lesedi.+
Tsenang mo mokolokong wa moletlo lo tshwere dikala ka diatla,+Lo ye kwa sebesong.*+
28 O Modimo wa me, mme ke tla go baka;Modimo wa me, ke tla go tlotlomatsa.+
29 Ntshetsang Jehofa ditebogo,+ ka gonne o molemo;Lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri.+
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ “Jah” ke khutshwafatso ya leina Jehofa.
^ Seheb., “mo lefelong le le bulegileng.”
^ Kgotsa gongwe “a na le ba ba nthusang.”
^ Kgotsa gongwe “O ne wa nkgorometsa thata.”
^ Seheb., “tlhogo ya sekhutlo.”
^ Seheb., “kwa dinakeng tsa sebeso.”