Dipesalema 142:1-7

  • Thapelo ya go gololwa mo babogising

    • “Ga go na kwa nka tshabelang gone” (4)

    • “O sotlhe se ke nang le sone” (5)

Masekile.* Pesalema ya ga Dafide, fa a ne a le mo logageng.+ Thapelo. 142  Ke goela kwa go Jehofa ka lentswe la me ke kopa thuso;+Ke rapela Jehofa ka lentswe la me gore a nkutlwele botlhoko.   Ke tshololela maikutlo a me fa pele ga gagwe;Ke mmolelela matshwenyego a me.+   Fa moya* wa me o koafala mo teng ga me, ke goela kwa go ene. Tota le ka nako eo, o disa tsela ya me.+ Ba mphitlhela seraiMo tselaneng e ke tsamayang mo go yone.   Leba ka fa seatleng sa me sa moja mme o boneGore ga go na ope yo o nkgathalelang.*+ Ga go na kwa nka tshabelang gone;+Ga go na ope yo o tshwenyegang ka nna.   Ao tlhe Jehofa, ke goela kwa go wena ke kopa thuso. Ka re: “O botshabelo jwa me,+O sotlhe se ke nang le sone* mo botshelong.”   Tlhwaela tsebe selelo sa me sa go kopa thuso,Gonne ke koafetse thata. Nkgolole mo babogising ba me,+Gonne ba nonofile go mpheta.   Nketshe* mo khuting ya kgolegeloGore ke bake leina la gago. E kete basiami ba ka phuthega go ntikologaKa gonne o dirisana le nna sentle.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “nonofo.”
Seheb., “ntsayang tsia.”
Seheb., “O kabelo ya me.”
Kgotsa “Nkentshe.”