Dipesalema 100:1-5
Pina ya go leboga.
100 Goang ka boitumelo mme lo bake Jehofa, lona batho botlhe ba ba mo lefatsheng.+
2 Direlang Jehofa ka boitumelo.+
Tlang fa pele ga gagwe lo goa ka boitumelo.
3 Itseng* gore Jehofa ke Modimo.+
Ke ene a re dirileng, mme re ba gagwe.*+
Re batho ba gagwe e bile re dinku tsa mafulo a gagwe.+
4 Tsenang mo dikgorong tsa gagwe mme lo mo leboge,+Tsenang mo malwapeng a gagwe lo mmake.+
Mo lebogeng; bakang leina la gagwe.+
5 Gonne Jehofa o molemo;+Lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri,E bile o nna a ikanyega mo dikokomaneng tsotlhe.+