Dipesalema 28:1-9
-
Thapelo ya mopesalema e a utlwiwa
-
‘Jehofa, nonofo ya me le thebe ya me’ (7)
-
Pesalema ya ga Dafide.
28 Ke kopa thuso kwa go wena ka metlha, tlhe Jehofa Lefika+ la me;O se ka wa intlhokomolosa.
Fa o ntidimalela,Ke tla tshwana le ba ba fologelang mo khuting.*+
2 Utlwa dikopo tsa me fa ke goela kwa go wena ke kopa thusoFa ke tsholeletsa diatla tsa me ntlheng ya phaposi e e kwa tengteng ya lefelo la gago le le boitshepo.+
3 O se ka wa nkgogola mmogo le batho ba ba bosula, le ba ba dirang se se utlwisang botlhoko,+Ba ba buang le batho ba bangwe mafoko a kagiso mme mo dipelong tsa bone go tletse bosula.+
4 Ba duele go ya ka ditiro tsa bone,+Go ya ka mekgwa ya bone e e bosula.
Ba neye maduo ka ntlha ya tiro ya diatla tsa bone,Go ya ka se ba se dirileng.+
5 Gonne ba itlhokomolosa ditiro tsa ga Jehofa,+Kgotsa tiro ya diatla tsa gagwe.+
O tla ba rutlolola mme ga a kitla a ba aga.
6 A Jehofa a bakwe,Gonne o utlwile dithapelo tsa me fa ke kopa thuso.
7 Jehofa ke nonofo+ ya me le thebe+ ya me;Ke mo tshepa ka pelo yotlhe.+
Ke amogetse thuso ya gagwe, mme pelo ya me e a itumela,Ka jalo, ke tla mmaka ka pina ya me.
8 Jehofa ke nonofo ya batho ba gagwe;Ke kago e e thata, o tlisetsa motlodiwa wa gagwe poloko e kgolo.+
9 Boloka batho ba gago, mme o segofatse boswa jwa gago.+
Ba dise mme o ba tshole mo mabogong a gago ka bosakhutleng.+
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa “mo lebitleng.”