Dipesalema 125:1-5
Pina Ya fa Go Tlhatlogelwa Kwa Motseng.
125 Ba ba ikanyang Jehofa+Ba tshwana le Thaba ya Siona, e e ka se kang ya tshikinngwaE bile e le e e nnelang ruri.+
2 Fela jaaka dithaba di dikologile Jerusalema,+Jehofa o dikologa batho ba gagwe jalo+Go tloga jaanong le go ya bosakhutleng.
3 Lore lwa segosi lwa bosula ga lo kitla lo tswelela lo le mo lefatsheng le le abetsweng basiami,+Gore basiami ba se ka ba tloga ba dira* se se phoso.+
4 Ao tlhe Jehofa, dira molemo mo go ba ba molemo,+Mo go ba ba dipelo di siameng.+
5 Mme ba ba fapogelang mo ditseleng tsa bone tse di sokameng,Jehofa o tla ba fedisa mmogo le badirabosula.+
E kete go ka nna le kagiso mo Iseraele.
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa “ba retolosetsa diatla tsa bone kwa go.”