Dipesalema 56:1-13
Go mokaedi wa “Leeba le le Didimetseng le le Kgakala.” Pesalema ya ga Dafide. Miketame.* Fa Bafilisitia ba ne ba mo tshwara kwa Gathe.+
56 Ao tlhe Modimo, nkutlwele botlhoko ka gonne motho o a ntlhasela.*
Letsatsi lotlhe ba nna ba lwa le nna e bile ba nkgatelela.
2 Baba ba me ba nna ba nkgogogela letsatsi lotlhe;Ba le bantsi ba lwa le nna ba le boikgodiso.
3 Fa ke boifa,+ ke a go ikanya.+
4 Ke baka Modimo ka ntlha ya se a se solofeditseng.
Ke ikanya Modimo; ga ke boife.
Motho* a ka ntira eng?+
5 Letsatsi lotlhe ba mpakela mathata;Ba akanya fela ka go nkutlwisa botlhoko.+
6 Ba a iphitlha gore ba ntlhasele;Ba nna ba lebeletse metsamao ya me,+Ka tsholofelo ya gore ba mpolaye.+
7 Ba gane ka ntlha ya bosula jwa bone.
Ao tlhe Modimo, diga ditšhaba ka bogale jwa gago.+
8 O nna o nketse tlhoko fa ke ntse ke kgarakgatshega.+
Ke kopa gore o tsenye dikeledi tsa me mo modutwaneng* wa gago.+
O kwadile matshwenyego a me mo bukeng ya gago.+
9 Baba ba me ba tla kata ka morago mo letsatsing la fa ke goa ke kopa thuso.+
Ke itse seno sentle: Modimo o ka fa letlhakoreng la me.+
10 Ke baka Modimo ka ntlha ya se a se solofeditseng,Ke baka Jehofa ka ntlha ya se a se solofeditseng.
11 Ke ikanya Modimo; ga ke boife.+
Motho a ka ntira eng?+
12 Ke tlamilwe ke maikano a ke a go diretseng, Modimo wa me;+Ke tla go leboga.+
13 Gonne o nkgolotse mo losong+E bile o thibetse dinao tsa me gore di se ka tsa kgopiwa,+Gore ke tle ke tsamaye fa pele ga Modimo mo leseding la batshedi.+
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Kgotsa “mpharumela.”
^ Seheb., “Nama.”
^ Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.