Dipesalema 20:1-9

  • Kgosi ya Modimo e e tloditsweng e a bolokwa

    • Bangwe ba ikanya dikara le dipitse, “mme rona re bitsa leina la ga Jehofa” (7)

Go mokaedi. Pina ya ga Dafide. 20  E kete Jehofa a ka go araba mo letsatsing la matshwenyego. E kete leina la Modimo wa ga Jakobe le ka go sireletsa.+  2  E kete a ka go romelela thuso a le mo lefelong le le boitshepo+Mme a go nonotsha a le mo Siona.+  3  E kete a ka gakologelwa ditlhabelo tsa gago tsotlhe tsa mpho;E kete a ka itumelela go amogela* setlhabelo sa gago se se fisiwang. (Selah)  4  E kete a ka go naya dilo tse o di eletsang+A bo a atlegisa dithulaganyo* tsa gago tsotlhe.  5  Re tla goa ka boitumelo ka ntlha ya ditiro tsa gago tsa poloko;+Re tla tsholetsa difolaga tsa rona re baka leina la Modimo wa rona.+ E kete Jehofa a ka diragatsa dikopo tsotlhe tsa gago.  6  Jaanong ke a itse gore Jehofa o boloka motlodiwa wa gagwe.+ O mo araba a le kwa magodimong a gagwe a a boitshepoKa go mmoloka a dirisa seatla sa gagwe sa moja se se maatla.+  7  Bangwe ba ikanya dikara mme ba bangwe ba ikanya dipitse,+Mme rona re bitsa leina la ga Jehofa, Modimo wa rona.+  8  Ba phutlhame e bile ba ole,Mme rona re tsogile e bile re tsosolositswe.+  9  Ao tlhe Jehofa, boloka kgosi.+ Modimo* o tla re araba mo letsatsing la fa re kopa thuso.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “a ka tsaya e le mafura.”
Kgotsa “kgakololo.”
Kgotsa gongwe “Kgosi.”