Dipesalema 60:1-12

  • Modimo o fenya baba

    • Poloko e e tlisiwang ke batho ga e na mosola (11)

    • “Modimo o tla re naya maatla” (12)

Go mokaedi wa “Lelômô la Lesoma la Kgakololo.”* Miketame.* Pesalema ya ga Dafide. E dirisiwe fa go rutwa. Fa a ne a tlhabana le Arame-naharaime le Arame-Soba, fa Joabe a ne a boa a bo a kgemetha Baedoma ba le 12 000 kwa Mokgatšheng wa Letswai.+ 60  O ne wa re latlha Modimo; o ne wa thubaganya se re itshireletsang ka sone.+ O ne o re galefetse; mme jaanong re amogele.  2  O ne wa roromisa lefatshe; o ne wa le phatlola. Baakanya diphatlha tsa lone, ka gonne le a wa.  3  O ne wa dira gore batho ba gago ba wele mo mathateng. O ne wa dira gore re nwe beine e e dirang gore re thetheekele.+  4  Naya* ba ba go boifang sesupoGore ba tshabe mme ba tile bora. (Selah)  5  Re boloke ka seatla sa gago sa moja mme o re arabeGore ba o ba ratang ba tle ba gololwe.+  6  Modimo o buile jaana a le mo boitshepong jwa gagwe:* “Ke tla itumela, ke tla ntsha Shekema gore e nne boswa,+Mme ke tla lekanya Mokgatšha* wa Sukothe+ gore ke o abele batho ba me.  7  Gileade ke ya me, fela jaaka Manase+ e le ya me,Mme Eferaime ke tlhoro ya phemelo* ya tlhogo ya me;Juda ke lore lwa me lwa molaodi.+  8  Moabe ke sekotlele sa me se se tlhatswetsang.+ Ke tla latlhela setlhako* sa me mo godimo ga Edoma.+ Ke tla goa ka boitumelo ke fentse Filisitia.”+  9  Ke mang yo o tla nkisang kwa motseng o o dikologilweng ke baba?* Ke mang yo o tla nkgogang go ya go fitlha kwa Edoma?+ 10  Modimo, tota ke wena yo o ka bong o re etelela pele. Mme jaanong o re latlhile wena Modimo wa rona, e bile ga o tlhole o tsamaya le masole a rona.+ 11  Re thuse mo matshwenyegong a rona,Gonne poloko e e tlisiwang ke batho ga e na mosola.+ 12  Modimo o tla re naya maatla,+E bile o tla gataka baba ba rona.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Gongwe go tewa seletswa sa megala, mofuta wa mmino kgotsa molodi wa pina, mme gone bokao jwa yone jwa mmatota ga bo itsewe.
^ Kgotsa gongwe “O neile.”
^ Kgotsa gongwe “mo lefelong la gagwe le le boitshepo.”
^ Kgotsa “Lebala le le Kwa Tlase.”
^ Seheb., “kago e e thata.”
^ Seheb., “mpaatšhane.”
^ Kgotsa gongwe “o o sireletsegileng?”