Dipesalema 22:1-31

  • O ne a ngomogile pelo jaanong o a bakwa

    • “Modimo wa me, o ntatlhetseng?” (1)

    • “Diaparo tsa me ba di tshelela bola” (18)

    • Go baka Modimo mo phuthegong (22, 25)

    • Batho botlhe ba tla obamela Modimo (27)

Go mokaedi wa “Kgama e Namagadi ya Masa.”* Pina ya ga Dafide. 22  Modimo wa me, Modimo wa me, o ntatlhetse eng?+ Ke ka ntlha yang fa o sa tle go mpoloka? Ke ka ntlha yang fa o sa utlwe selelo sa me sa khutsafalo?+   Modimo wa me, ke nna ke go bitsa motshegare, mme ga o nkarabe;+Le bosigo ga ke kgone go didimala.   Le fa go ntse jalo, o boitshepo,+O dikologilwe ke* dipako tsa Iseraele.   Borraarona ba ne ba go ikanya;+Ba ne ba go ikanya, mme o ne wa nna wa ba golola.+   Ba ne ba goela kwa go wena, mme o ne wa ba boloka;Ba ne ba go ikanya, mme ga o a ka wa ba swabisa.*+   Mme nna ga ke motho, ke seboko fela,Batho ba nja ditshego* e bile ditšhaba di a nnyatsa.+   Botlhe ba ba mponang ba ntshega ka tshotlo;+Ba nteba ka lenyatso e bile ba thukutha ditlhogo tsa bone ba re:+   “O ne a ikaegile ka Jehofa. A a mo golole! A a mmoloke, ka gonne o mo rata thata!”+   Ke Wena yo o nketshitseng* mo popelong,+Wena yo o dirileng gore ke ikutlwe ke sireletsegile mo mabeleng a ga mmê. 10  Ke ne ka tlisiwa kwa go wena gore o ntlhokomele* go tloga fa ke tsholwa;Fa e sa le ke tswa mo popelong ya ga mmê, o ntse o le Modimo wa me. 11  O se ka wa nna kgakala le nna, ka gonne mathata a gaufi+Mme ga ke na mothusi ope yo mongwe.+ 12  Dipowana tse dintsi di ntikologile;+Dipoo tse di maatla tsa kwa Bashana di ntikologile.+ 13  Baba ba me ba nkatlhamoloseditse melomo ya bone,+Jaaka tau e e kurutlang e e gagoganyang se e se tsumileng.+ 14  Ke tshololwa jaaka metsi;Marapo a me otlhe a dule mo malokololong a one. Pelo ya me e ntse jaaka mafura;+E gakologa mo teng ga me.+ 15  Ga ke sa tlhole ke na le maatla, ke tshwana le kapetla ya sejana sa letsopa;+Loleme lwa me lo ngaparela magalapa;+O ntsentse mo khuting gore ke swe.+ 16  Gonne ke dikologilwe ke dintša;+Di ntikologile jaaka setlhopha sa badirabosula,+Di fa diatleng tsa me le fa dinaong tsa me jaaka tau.+ 17  Ke kgona go bala marapo a me otlhe.+ Ba a nteba e bile ba ntlhoma matlho. 18  Ba kgaogana diaparo tsa me,E bile diaparo tsa me ba di tshelela bola.+ 19  Mme wena Jehofa, o se ka wa nna o le kgakala.+ Ke wena nonofo ya me; itlhaganelele go nthusa.+ 20  Nkgolole mo tšhakeng,Golola botshelo jwa me jo bo tlhwatlhwakgolo* mo maroong* a dintša;+ 21  Nkgolole mo molomong wa tau+ le mo dinakeng tsa dipoo tsa naga;Nkarabe mme o mpoloke. 22  Ke tla bolelela bomorwarre leina la gago;+Ke tla go baka mo phuthegong.+ 23  Lona ba lo boifang Jehofa, mmakeng! Lona lotlhe ditlogolwana* tsa ga Jakobe, mo galaletseng!+ Lona lotlhe ditlogolwana* tsa ga Iseraele, mo tlotleng. 24  Gonne ga a ka a amogela e bile ga a ka a itlhokomolosa pogisego ya yo o gatelelwang;+Ga a ka a mo fitlhela sefatlhego.+ Fa a ne a goela kwa go ene a kopa thuso, o ne a mo utlwa.+ 25  Ke tla baka Modimo mo phuthegong e kgolo;+Ke tla duela maikano a me fa pele ga ba ba mmoifang. 26  Ba ba pelonolo ba tla ja ba bo ba kgotsofala;+Ba ba batlang Jehofa ba tla mmaka.+ E kete lo ka itumelela go tshela* ka bosakhutleng. 27  Batho botlhe ba ba tswang mo lefatsheng lotlhe ba tla gakologelwa Jehofa ba bo ba boela kwa go ene. Malapa otlhe a ditšhaba a tla ikoba fa pele ga gago.+ 28  Gonne bogosi ke jwa ga Jehofa;+O busa ditšhaba. 29  Botlhe ba ba atlegileng* ba lefatshe ba tla ja e bile ba tla ikoba;Botlhe ba ba fologelang kwa loroleng ba tla khubama fa pele ga gagwe;Ga go na ope wa bone yo o ka bolokang botshelo jwa gagwe. 30  Ditlogolwana* tsa bone di tla mo direla;Kokomana e e tlang e tla bolelelwa ka ga Jehofa. 31  Ba tla tla ba bo ba bua ka tshiamo ya gagwe. Ba tla bolelela batho ba ba sa ntseng ba tla tsholwa se a se dirileng.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Gongwe molodi kgotsa mofuta mongwe wa mmino.
Kgotsa “O ntse mo gare ga (mo godimo ga).”
Kgotsa “ga o a ka wa ba tlhabisa ditlhong.”
Kgotsa “ba a nkgoba.”
Kgotsa “nkentshitseng.”
Seheb., “ka latlhelwa mo go wena.”
Seheb., “jo e leng jone fela,” a raya botshelo jwa gagwe.
Seheb., “mo seatleng.”
Seheb., “losika.”
Seheb., “losika.”
Seheb., “E kete pelo ya lona e ka tshela.”
Seheb., “ba ba nonneng.”
Seheb., “Losika.”