Dipesalema 29:1-11

  • Lentswe la ga Jehofa le le maatla

    • Obamelang lo apere diaparo tse di boitshepo (2)

    • “Modimo yo o galalelang o a duma” (3)

    • Jehofa o naya batho ba gagwe maatla (11)

Pina ya ga Dafide. 29  Nayang Jehofa se se mo tshwanetseng, lona bomorwa batho ba ba maatla,Nayang Jehofa se se mo tshwanetseng ka ntlha ya kgalalelo le nonofo ya gagwe.+   Nayang Jehofa kgalalelo e e tshwanelang leina la gagwe. Ikobeng fa pele ga ga* Jehofa lo apere diaparo tse di boitshepo.*   Lentswe la ga Jehofa le utlwala mo godimo ga metsi;Modimo yo o galalelang o a duma.+ Jehofa o mo godimo ga metsi a mantsi.+   Lentswe la ga Jehofa le maatla;+Lentswe la ga Jehofa le tlotlometse.   Lentswe la ga Jehofa le robaganya ditlhare tsa masedara;Eleruri Jehofa o phatlola masedara a Lebanona.+   O dira gore Lebanona* a tlolake jaaka namane,Le Sirione+ a tlolake jaaka powana ya naga.   Lentswe la ga Jehofa le itaya ka dikgabo tsa molelo;+   Lentswe la ga Jehofa le roromisa naga;+Jehofa o roromisa naga ya Kadeshe.+   Lentswe la ga Jehofa le dira gore kgama e rorome e bo e tsaleGape le tlhotlhora dikgwa.+ Mme botlhe ba ba mo tempeleng ya gagwe ba re: “Kgalalelo!” 10  Jehofa o ntse mo setulong sa bogosi mo godimo ga metsi a mantsintsi;*+Jehofa o ntse mo setulong sa bogosi e le Kgosi ka bosakhutleng.+ 11  Jehofa o tla naya batho ba gagwe maatla.+ Jehofa o tla segofatsa batho ba gagwe ka kagiso.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “Obamelang.”
Kgotsa gongwe “ka ntlha ya bontlentle jwa boitshepo jwa gagwe.”
Go lebega go tewa dithaba tsa Lebanona tse di tlhomaganeng.
Kgotsa “ga lewatle le le kwa magodimong.”