Dipesalema 137:1-9

  • Fa dinokeng tsa Babelona

    • Ga go na dipina tsa Siona tse di opelwang (3, 4)

    • Babelona o tla senngwa (8)

137  Re ne ra nna fa fatshe fa dinokeng tsa Babelona.+ Re ne ra lela fa re gakologelwa Siona.+   Re ne ra pega diharepa tsa rona+Mo ditlhareng tsa modibonoka tse di mo Babelona.   Gonne fa re le koo, ba ba neng ba re isitse botshwarwa ba ne ba kopa gore re ba opelele pina,+Ba ba neng ba re sotla ba ne ba batla gore re ba itumedise, ba re: “Re opeleleng nngwe ya dipina tsa Siona.”   Re ka opela jang pina ya ga JehofaMo lefatsheng le sele?   Fa nka go lebala, wena Jerusalema,A seatla sa me sa moja se se ka sa kgona go dira sepe.*+   A loleme lwa me lo ngaparele magalapa a meFa nka se go gakologelwe,Fa nka se tseye Jerusalema e le botlhokwa thata go fetaDilo tse dingwe tse di dirang gore ke itumele.+   Ao tlhe Jehofa, gakologelwaSe Baedoma ba neng ba se bua mo letsatsing la fa Jerusalema e ne e wa, ba re: “E dige! E dige go fitlha kwa metheong ya yone!”+   Wena morwadia Babelona, yo o tlogang o senngwa,+Go itumela motho yo o tla go otlhayangKa ntlha ya tsela e e setlhogo e o neng o re tshwere ka yone.+   Go tla itumela motho yo o tshwarang bana ba gagoA bo a ba thubaganya mo mafikeng.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa gongwe “se omelele.”