Dipesalema 54:1-7

  • Thapelo ya go kopa thuso fa o le mo gare ga baba

    • “Modimo ke mothusi wa me” (4)

Go mokaedi; e opelwe le diletswa tsa megala. Masekile.* Pesalema ya ga Dafide, fa Basiife ba ne ba tla mme ba raya Saulo ba re: “Dafide o iphitlhile le rona.”+ 54  Ao tlhe Modimo, mpoloke ka leina la gago,+O bo o mphemele*+ ka maatla a gago.  2  Ao tlhe Modimo, utlwa thapelo ya me;+Reetsa mafoko a molomo wa me ka kelotlhoko.  3  Gonne batswakwa ba a ntlhasela,Le batho ba ba setlhogo ba batla go mpolaya.+ Ga ba tlotle Modimo.*+ (Selah)  4  Modimo ke mothusi wa me;+Jehofa o na le ba ba nkemang nôkeng.  5  O tla duela baba ba me+ ka bosula jwa bone;Ba fedise* ka gonne o a ikanyega.+  6  Ke tla go ntshetsa setlhabelo+ ka go rata. Ke tla baka leina la gago, Jehofa, ka gonne seo se molemo.+  7  Gonne o nkgolola mo matshwenyegong otlhe,+Mme ke tla itumelela go bona baba ba me ba fenngwa.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “o seke kgang ya me.”
Kgotsa “Ga ba beye Modimo fa pele ga bone.”
Seheb., “didimatse.”