Dipesalema 58:1-11

  • Go na le Modimo yo o atlholang lefatshe

    • Thapelo ya gore badirabosula ba otlhaiwe (6-8)

Go mokaedi; e opelwe ka molodi wa “O se Ka wa Ntshenya.” Pesalema ya ga Dafide. Miketame.* 58  A lo ka kgona go bua ka tshiamo fa lo didimetse?+ A lo ka kgona go atlhola ka tsela e e siameng, lona bomorwa batho?+  2  Nnyaa, go na le moo lo loga maano a a sa siamang mo dipelong tsa lona,+E bile diatla tsa lona di dira thubakanyo mo lefatsheng.+  3  Badirabosula ba a fapoga* go tloga fela fa ba tsholwa;*Ga ba laolesege e bile ke baaki go tloga fela fa ba belegwa.  4  Botlhole jwa bone bo tshwana le botlhole jwa dinoga;+Ba tshwana le kake e e ithibang ditsebe, e e sa utlweng.  5  Ga e kitla e reetsa lentswe la batho ba ba tshereanyang dinoga,Le fa maselamose a bone a ka tswa a na le bokgoni jo bo kana kang.  6  Ao tlhe Modimo, kgola meno a bone! Ao tlhe Jehofa, roba ditlhaa tsa ditau* tseno!  7  E kete ba ka nyelela fela jaaka metsi a kgala. E kete Modimo a ka oba bora jwa gagwe mme a ba diga ka metswi ya gagwe.  8  E kete ba ka tshwana le kgopa e e nyerologang fa e ntse e tsamaya;Ba tshwana le ngwana yo o tsholwang a sule yo le ka motlha a iseng a bone letsatsi.  9  Pele ga dipitsa tsa lona di utlwa mogote wa setlhare sa mokaikai,Modimo o tla nyeletsa kalana e e bongola mmogo le e e tukang, jaaka phefo e e tsubutlang.+ 10  Mosiami o tla itumela ka gonne Modimo o tla mmusolosetsa mo go ba ba bosula;+Dinao tsa gagwe di tla tlala madi a batho ba ba bosula.+ 11  Foo batho ba tla re: “Ruri go na le tuelo e basiami ba e amogelang.+ Eleruri go na le Modimo yo o atlholang mo lefatsheng.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ba bosula.”
Seheb., “go tloga fa ba tswa mo popelong.”
Kgotsa “ditawana tse di seriri.”