Dipesalema 16:1-11
Miketame* ya ga Dafide.
16 Ntshireletse tlhe Modimo, ka gonne ke tshabetse mo go wena.+
2 Ke reile Jehofa ka re: “O Jehofa, Motswedi wa dilo tsotlhe tse di molemo.
3 Mme ba ba boitshepo ba ba mo lefatsheng,Ba ba tshwanelwang ke tlotlo, ba dira gore ke itumele thata.”+
4 Ba ba ikemiseditseng go direla medimo e mengwe ba ikokeletsa mahutsana.+
Ga nkitla ke e ntshetsa ditlhabelo tsa senô tsa madi,E bile ga nkitla ke umaka maina a yone.+
5 Jehofa ke kabelo ya me, ke karolo e ke e abetsweng+ e bile ke masego a a mo koping ya me.+
O sireleditse boswa jwa me.
6 Ke abetswe mafelo a mantle.
Ruri ke kgotsofaletse boswa jwa me.+
7 Ke tla baka Jehofa, yo o nneileng kgakololo.+
Tota le bosigo, dikakanyo tsa me tse di kwa tengteng* di a nkaela.+
8 Ke beile Jehofa fa pele ga me ka metlha.+
Ga nkitla ke boifa* ka gonne o ka fa seatleng sa me sa moja.+
9 Ka jalo pelo ya me e a ipela, ke itumetse fela thata.*
E bile ke nna* ka polokesego.
10 Gonne ga o kitla o ntlogela mo Lebitleng.*+
Ga o kitla o letla gore motho yo o ikanyegang a tswelele a le mo lebitleng.*+
11 O dira gore ke itse tselana ya botshelo.+
Fa pele ga gago* go na le boitumelo jo bontsi;+Ka fa seatleng sa gago sa moja go na le boitumelo* ka bosakhutleng.
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Kgotsa “maikutlo a me a a kwa teng thata.” Seheb., “diphilo tsa me.”
^ Kgotsa “Ga nkitla ke thetheekela (reketla).”
^ Seheb., “kgalalelo ya me e a ipela.”
^ Kgotsa “nama ya me e nna.”
^ Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Seheb., “a bone lebitla.” Kgotsa gongwe “a bone go bola.”
^ Seheb., “Ka sefatlhego sa gago.”
^ Kgotsa “monate.”