Dipesalema 121:1-8

  • Jehofa o disa batho ba gagwe

    • “Thuso ya me e tswa kwa go Jehofa” (2)

    • Jehofa ga a ke a robala (3, 4)

Pina Ya fa Go Tlhatlogelwa Kwa Motseng. 121  Ke tsholeletsa matlho a me kwa dithabeng.+ Thuso ya me e tla tswa kae?   Thuso ya me e tswa kwa go Jehofa,+Modiri wa legodimo le lefatshe.   Le ka motlha ga a kitla a letla gore lonao lwa gago lo relele.*+ Ene Yo o go disitseng ga a kitla a otsela le ka motlha.   Le ka motlha ga a kitla a otsela kgotsa a robala,Ene yo o disitseng Iseraele.+   Jehofa o go disitse. Jehofa ke moriti+ ka fa seatleng sa gago sa moja.+   Motshegare letsatsi ga le kitla le go utlwisa botlhoko,+E bile bosigo ngwedi ga e kitla e go utlwisa botlhoko.+   Jehofa o tla go sireletsa mo dikotsing tsotlhe.+ O tla sireletsa botshelo* jwa gago.+   Jehofa o tla go sireletsa mo dilong tsotlhe tse o di dirang*Go tloga jaanong le go ya bosakhutleng.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “reketle.”
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seheb., “go tswa ga gago le go tsena ga gago.”