Dipesalema 43:1-5

  • Modimo yo e leng Moatlhodi o a golola

    • ‘Romela lesedi le boammaaruri jwa gago’ (3)

    • “Ke ka ntlha yang fa ke tshwenyegile?” (5)

    • “Ke tla letela Modimo” (5)

43  Nkatlhole, tlhe Modimo,+Nkemele mo tshekong e ke nang le yone+ le setšhaba se se sa ikanyegeng. Nkgolole mo mothong yo o tsietsang le yo o sa siamang.  2  Gonne o Modimo wa me, kago ya me ya phemelo.+ O ntatlhetse eng? Goreng ke tshwanetse go tsamayatsamaya ke utlwile botlhoko ka ntlha ya mmaba yo o nkgatelelang?+  3  Romela lesedi la gago le boammaaruri jwa gago.+ E kete dilo tseno di ka nkgoga;+E kete di ka nkaela kwa thabeng ya gago e e boitshepo le kwa motlaaganeng wa gago o mogolo.+  4  Foo ke tla tla kwa sebesong sa Modimo,+Kwa Modimong yo e leng boitumelo jwa me jo bogolo. Mme ke tla go baka ka harepa,+ tlhe Modimo, Modimo wa me.  5  Ke ka ntlha yang fa ke tshwenyegile? Ke ka ntlha yang fa ke fuduegile jaana mo teng? Ke tla letela Modimo,+Gonne ke sa ntse ke tla mmaka e le Mmoloki wa me yo Mogolo le Modimo wa me.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase