Dipesalema 108:1-13

  • Thapelo ya go fenya baba

    • Poloko e e tlisiwang ke batho ga e na mosola (12)

    • “Modimo o tla re naya maatla” (13)

Pina. Pesalema ya ga Dafide. 108  Pelo ya me e a ikanyega, tlhe Modimo. Ke tla opela ke bo ke letsa mmino ka pelo ya me yotlhe.*+   A ko o thanye, wena seletswa sa megala; le wena harepa.+ Ke tla tsoga go sa le phakela.   Ke tla go baka mo merafeng, Jehofa,E bile ke tla go opelela dipako* mo ditšhabeng.   Gonne lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng lo logolo, lo kwa godimo jaaka magodimo,+Le boammaaruri jwa gago bo fitlha kwa loaping.   Bontsha bogolo jwa gago kwa magodimong, Modimo wa me;E kete kgalalelo ya gago e ka okama lefatshe lotlhe.+   Re boloke ka seatla sa gago sa moja mme o nkarabe,+Gore ba o ba ratang ba tle ba gololwe.   Modimo o buile jaana a le mo boitshepong jwa gagwe:* “Ke tla itumela, ke tla ntsha Shekema+ gore e nne boswa;Mme ke tla lekanya Mokgatšha* wa Sukothe+ gore ke o abele batho ba me.   Gileade+ ke ya me, fela jaaka Manase e le ya me,Mme Eferaime ke tlhoro ya phemelo* ya tlhogo ya me;+Juda ke lore lwa me lwa molaodi.+   Moabe ke sekotlele sa me se se tlhatswetsang.+ Ke tla latlhela setlhako* sa me mo godimo ga Edoma.+ Ke tla goa ka boitumelo ke fentse Filisitia.”+ 10  Ke mang yo o tla nkisang kwa motseng o o sireletsegileng? Ke mang yo o tla nkgogang go ya go fitlha kwa Edoma?+ 11  Modimo, tota ke wena yo o ka bong o re etelela pele. Mme jaanong bona, o re latlhile wena Modimo wa rona, e bile ga o tlhole o tsamaya le masole a rona.+ 12  Re thuse mo matshwenyegong a rona,+Gonne poloko e e tlisiwang ke batho ga e na mosola.+ 13  Modimo o tla re naya maatla,+E bile o tla gataka baba ba rona.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “tota le ka kgalalelo ya me.”
Kgotsa “leletsa mmino.”
Kgotsa gongwe “mo lefelong la gagwe le le boitshepo.”
Kgotsa “Lebala le le Kwa Tlase.”
Seheb., “kago e e thata.”
Seheb., “mpaatšhane.”