Dipesalema 10:1-18

  • Jehofa, mothusi wa ba ba sa kgoneng go itshireletsa

    • Motho yo o bosula o bua jaana ka mabela: “Ga go na Modimo” (4)

    • Ba ba sa kgoneng go itshireletsa ba leba kwa go Jehofa (14)

    • “Jehofa ke Kgosi ka bosakhutleng” (16)

ל [Lamed] 10  Jehofa, ke ka ntlha yang fa o emetse kgakala jaana? Ke ka ntlha yang fa o iphitlha ka nako ya matshwenyego?+  2  Go nna mabela ga motho yo o bosula go mo tlhotlheletsa go lelekisa yo o sa kgoneng go itshireletsa,+Le fa go ntse jalo, o tla tshwarwa mo maanong a a a logang.+  3  Gonne motho yo o bosula o ikgantsha ka dikeletso tsa gagwe tsa bopelotshetlha+Mme o segofatsa yo o bogagaru;*נ [Nun]O nyatsa Jehofa.  4  Motho yo o bosula ga a dire dipatlisiso dipe ka gonne a le mabela;O nna a akanya go re: “Ga go na Modimo.”+  5  Ditsela tsa gagwe di nna di atlega,+Mme ga a tlhaloganye dikatlholo tsa gago;+O sotla* baba ba gagwe botlhe.  6  O bua mo pelong a re: “Ga nkitla ke diragalelwa ke sepe se se maswe;*Ga nkitla ke nna le matshwenyego+Kokomana morago ga kokomana.” פ [Pe]  7  Molomo wa gagwe o tletse ditlhapa, maaka le matshosetsi;+Ka fa tlase ga loleme lwa gagwe go na le mathata le se se utlwisang botlhoko.+  8  O lalela gaufi le metsana;O bolaya motho yo o se nang molato a le mo lefelong le a iphitlhang mo go lone.+ ע [Ayin] Matlho a gagwe a lebile mongwe yo a ka mo tlhaselang.+  9  O nna a letile a le mo lefelong le a iphitlhang mo go lone jaaka tau e e mo kutleng* ya yone.+ O nna a letile gore a tshware yo o sa kgoneng go itshireletsa. Fa a goga letlowa la gagwe, o tshwara yo o sa kgoneng go itshireletsa.+ 10  Motho yo o bogisiwang o a thubaganngwa a bo a latlhelwa fa fatshe;Batho ba ba bokoa ba wela mo diatleng tsa motho yo o bosula.* 11  Motho yo o bosula o bua mo pelong a re: “Modimo o lebetse bosula jo ke bo dirileng.+ Ga a kgathale. Ga a ntemoge.”+ ק [Qoph] 12  Dira sengwe, tlhe Jehofa.+ Bontsha maatla a gago+ tlhe Modimo wa me. O se ka wa lebala ba ba sa kgoneng go itshireletsa.+ 13  Ke ka ntlha yang fa motho yo o bosula a nyaditse Modimo? O bua mo pelong a re: “Modimo ga a kgathale.” ר [Resh] 14  Le fa go ntse jalo, wena o bona mathata le matshwenyego. O a leba o bo o dira sengwe ka one.+ Yo o tlhokang thuso o leba kwa go wena;+O thusa khutsana.*+ ש [Shin] 15  Robaganya lebogo la motho yo o boikepo le yo o bosula,+Gore fa o batla bosula jwa gagwe,O se ka wa tlhola o bo bona. 16  Jehofa ke Kgosi ka bosakhutleng le go ya go ile.+ Ditšhaba di fedisitswe mo lefatsheng.+ ת [Taw] 17  Le fa go ntse jalo, Jehofa, o tla reetsa kopo ya ba ba pelonolo.+ O tla dira gore dipelo tsa bone di nonofe+ e bile o tla ba tlhwaela tsebe.+ 18  O tla direla dikhutsana* le batho ba ba gateletsweng tshiamiso,+Gore motho ope fela mo lefatsheng a se ka a tlhola a ba boifisa.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa gongwe “Yo o bogagaru o a itshegofatsa.”
Kgotsa “nyatsa.”
Kgotsa “Ga nkitla ke thetheekela (reketla).”
Kgotsa “mo ditlhatshaneng tse di kitlaneng.”
Kgotsa “mo maroong a a nonofileng a motho yo o bosula.”
Seheb., “ngwana yo o se nang rre.”
Seheb., “bana ba ba se nang borre.”