Dipesalema 70:1-5

  • Go kopa thuso ka bonako

    • “Tsaya kgato ka bonako o nthuse” (5)

Go mokaedi. Pesalema ya ga Dafide, e e neng e tla nna sengwe se se gopotsang. 70  Ao tlhe Modimo, mpoloke;Ao tlhe Jehofa, itlhaganele o nthuse.+  2  E kete ba ba batlang go mpolayaBa ka tlhabiwa ke ditlhong ba bo ba tlontlololwa. E kete ba ba itumedisiwang ke masetlapelo a meBa ka kata ka morago ba kokobeditswe.  3  E kete ba ba ntshotlang ba re: “O laegile.” Ba ka busediwa morago ba tlhabilwe ke ditlhong.  4  Mme e kete botlhe ba ba go direlangBa ka itumela ba bo ba ipela ka ntlha ya gago.+ E kete ba ba ratang ditiro tsa gago tsa poloko ba ka bua ka metlha ba re: “A Modimo a tlotlomadiwe!”  5  Le fa go ntse jalo, ga ke kgone go itira sepe e bile ke humanegile;+Ao tlhe Modimo, itlhaganele o nthuse.+ O mothusi wa me e bile o mogolodi wa me;+Ao tlhe Jehofa, o se ka wa diega.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase