Dipesalema 27:1-14
Pesalema ya ga Dafide.
27 Jehofa ke lesedi+ la me le poloko ya me.
Ke tla boifa mang?+
Jehofa ke kago e e thata ya botshelo jwa me.+
Ke tla tshaba mang?
2 Fa badirabosula ba ne ba ntlhasela gore ba je nama ya me,+Baba ba me le dira tsa me, ke bone ba ba ileng ba kgopiwa ba bo ba wa.
3 Le fa mophato wa masole o ka tla go ntlhasela,Ga nkitla ke boifa.+
Le fa baba ba ka tla go tlhabana le nna,Tota le ka nako eo ke tla tswelela ke le pelokgale.
4 Ke kopile selo se le sengwe mo go Jehofa.
Ke sone se ke tla se batlang:
Gore ke nne mo ntlong ya ga Jehofa malatsi otlhe a botshelo jwa me,+Gore ke tlhome matlho mo bontleng jwa ga JehofaLe gore ke itumelele go leba* tempele ya gagwe.*+
5 Gonne o tla mphitlha mo lefelong la gagwe le le sireletsegileng mo letsatsing la masetlapelo;+O tla mphitlha mo lefelong la sephiri la tente ya gagwe;+O tla mpaya kwa godimo mo lefikeng.+
6 Jaanong ke itumelela go bo ke fentse baba ba me ba ba ntikologileng;Ke tla ntsha ditlhabelo kwa tenteng ya gagwe ke goa ka boitumelo;Ke tla opelela* Jehofa dipako.
7 Ntheetse tlhe Jehofa, fa ke go bitsa;+Nkutlwele botlhoko o bo o nkarabe.+
8 Pelo ya me e buile taelo ya gago e e reng:
“Senkang sefatlhego sa me.”
Ke tla senka sefatlhego sa gago, wena Jehofa.+
9 O se ka wa mphitlhela sefatlhego sa gago.+
O se ka wa leleka motlhanka wa gago ka bogale.
O mothusi wa me;+O se ka wa ntatlha kgotsa wa ntlogela, wena Modimo wa me wa poloko.
10 Tota le fa rre le mmê ba ka ntatlha,+Jehofa o tla nkamogela.+
11 Nthute tsela ya gago, tlhe Jehofa,+Ntsamaise mo tselaneng e e siameng gore o ntshireletse mo babeng ba me.
12 O se ka wa ntsenya mo seatleng sa baba ba me,+Gonne basupi ba maaka ba a ntatofatsa,+E bile ba ntshosetsa ba le dikgoka.
13 Tota nkabo ke le kae fa ke ne ke se na tumeloYa gore ke tla bo ke sa ntse ke tshela gore ke bone kafa Jehofa a leng molemo ka gone?*+
14 Solofela mo go Jehofa;+Nna pelokgale mme o nonofe.+
Solofela mo go Jehofa.
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa “ke akanyetse kwa teng ka.”
^ Kgotsa “lefelo la gagwe le le boitshepo.”
^ Kgotsa “letsa mmino.”
^ Kgotsa gongwe “Ruri ke na le tumelo ya gore ke tla bona kafa Jehofa a leng molemo ka gone mo lefatsheng la batshedi.”