Dipesalema 72:1-20

  • Kgosi ya Modimo e busa ka kagiso

    • “Basiami ba tla oketsega” (7)

    • Babusiwa go tswa lewatleng go ya lewatleng (8)

    • Go gololwa mo thubakanyong (14)

    • Dijo di tla nna dintsi mo lefatsheng (16)

    • Leina la Modimo le bakwa ka bosakhutleng (19)

Pesalema e e buang ka Solomone. 72  Ao tlhe Modimo, dira gore kgosi e atlhole go dumalana le dikatlholo tsa gago,O bo o abele morwa kgosi tshiamo ya gago.+   E kete a ka seka kgetsi ya batho ba gago ka tshiamo,Le ya batho ba gago ba maemo a a kwa tlase ka tshiamiso.+   E kete dithaba di ka tlisetsa batho kagiso,E bile e kete dithota di ka ba tlisetsa tshiamo.   A a femele* batho ba maemo a a kwa tlase,A a boloke barwa ba bahumanegi,Mme a a thubaganye batho ba ba tsietsang.+   Ba tla go boifa fa fela go sa ntse go na le letsatsiLe fa fela go sa ntse go na le ngwedi,Kokomana morago ga kokomana.+   O tla nna jaaka pula e e nelang bojang jo bo kgaotsweng,Jaaka pula ya medupe e e kolobetsang lefatshe.+   Mo motlheng wa gagwe basiami ba tla oketsega,*+E bile kagiso e tla nna ntsi+ go fitlha ngwedi e sa tlhole e le teng.   O tla nna le batho ba a ba busang* go tswa kwa lewatleng le lengwe go ya kwa go le lengweLe go tswa kwa Nokeng* go ya kwa dikhutlong tsa lefatshe.+   Batho ba ba nnang kwa sekakeng ba tla ikoba fa pele ga gagwe,Mme baba ba gagwe ba tla latswa lorole.+ 10  Dikgosi tsa Tareshishe le tsa ditlhaketlhake di tla duela sehuba.*+ Dikgosi tsa Sheba le tsa Seba di tla tlisa dimpho.+ 11  Dikgosi tsotlhe di tla ikoba fa pele ga gagwe,Mme ditšhaba tsotlhe di tla mo direla. 12  Gonne o tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso,Le motho wa maemo a a kwa tlase le ope fela yo o se nang mothusi. 13  O tla utlwela batho ba maemo a a kwa tlase le bahumanegi botlhoko,E bile o tla boloka matshelo* a bahumanegi. 14  O tla ba golola mo kgatelelong le mo thubakanyong,Mme madi a bone a tla nna tlhwatlhwakgolo mo matlhong a gagwe. 15  E kete a ka tshela a bo a newa gauta ya kwa Sheba.+ E kete a ka rapelelwa ka metlha,E bile e kete a ka segofadiwa letsatsi lotlhe. 16  Go tla nna le dijo di le dintsi mo lefatsheng;+Di tla tlala mo godimo ga dithaba. Masimo a Kgosi a tla tlhogisa dijo tse dintsi jaaka kwa Lebanona,+Mme batho ba ba mo metseng ba tla nna bantsi jaaka dimela tsa lefatshe.+ 17  E kete leina la gagwe le ka nna ka bosakhutleng,+E bile e kete le ka atlega fa fela go sa ntse go na le letsatsi. E kete batho ba ka segofadiwa ka ntlha ya gagwe;+E kete ditšhaba tsotlhe di ka bolela gore o itumetse. 18  E kete Jehofa Modimo a ka bakwa, e bong Modimo wa Iseraele,+Yo e leng ene fela a dirang dilo tse di gakgamatsang.+ 19  E kete leina la gagwe le le galalelang le ka bakwa ka bosakhutleng,+Mme e kete kgalalelo ya gagwe e ka tlala mo lefatsheng lotlhe.+ Amen le Amen. 20  Dithapelo tsa ga Dafide morwa Jese,+ di felela fano.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “atlhole.”
Seheb., “tlhoga.”
Kgotsa “O tla busa.”
Go tewa Euferatese.
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.