Dipesalema 6:1-10

  • Kopo ya go utlwelwa botlhoko

    • Baswi ga ba bake Modimo (5)

    • Modimo o utlwa dikopo tsa go utlwelwa botlhoko (9)

Go mokaedi; e opelwe ka diletswa tsa megala tse di ntshang molodi wa Sheminithe.* Pina ya ga Dafide. 6  Ao tlhe Jehofa, o se ka wa nkgalemela o galefile,E bile o se ka wa nkotlhaya o shakgetse.+   Nkutlwele botlhoko, tlhe Jehofa, ka gonne ke a koafala. Mphodise, tlhe Jehofa,+ ka gonne marapo a me a a roroma.   Ruri ke fuduegile thata,+Mme ke a go botsa, tlhe Jehofa, go tla tsaya lobaka lo lo kae?+   Boa, tlhe Jehofa, mme o nnamole;+Mpoloke ka ntlha ya lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng.+   Gonne fa motho a sule, ga a ka ke a bua ka wena;*Ke mang yo o tla go bakang kwa Lebitleng?*+   Ke lapisitswe ke go nna ke lela;+Bosigo jotlhe ke kolobetsa bolao jwa me ka dikeledi;*Fa ke lela, dikeledi tsa me di tlala mo sofeng ya me.+   Ke tshwenyegile thata ka gonne ke a boga;+Ga ke tlhole ke bona sentle ka ntlha ya botlhe ba ba ntshwarang makgwakgwa.   Tlogang fa go nna, lona lotlhe ba lo itshwarang ka tsela e e sa siamang,Gonne Jehofa o tla utlwa lentswe la me fa ke lela.+   Jehofa o tla nkutlwa fa ke mo kopa gore a nkutlwele botlhoko;+Jehofa o tla reetsa thapelo ya me. 10  Baba ba me botlhe ba tla tlhabiwa ke ditlhong e bile ba tla welwa ke letshogo;Ba tla boela morago ka tshoganyetso ba tlontlologile.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “a go gopola; a go gakologelwa.”
Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seheb., “ke dira gore bolao jwa me bo nne metsimetsi.”