Dipesalema 132:1-18

  • Go tlhophiwa Dafide le Siona

    • “O se ka wa gana motlodiwa wa gago” (10)

    • Baperesiti ba Siona ba apesitswe poloko (16)

Pina Ya fa Go Tlhatlogelwa Kwa Motseng. 132  Ao tlhe Jehofa, gakologelwa DafideLe tsela e a neng a boga ka yone;+   Kafa a ileng a ikanela Jehofa ka gone,Kafa a ileng a direla Yo o Maatla wa ga Jakobe maikano ka gone a re:+   “Ga nkitla ke tsena mo tenteng ya me, mo legaeng la me.+ Ga nkitla ke rapama fa ke lalang gone, mo bolaong jwa me;   Ga nkitla ke letla matlho a me a robala,E bile ga nkitla ke letla dintshi tsa me di itswala   Go fitlha ke bona lefelo le letlole la ga Jehofa le tla nnang mo go lone,E leng bonno jo bo siameng* jwa Yo o Maatla wa ga Jakobe.”+   Re utlwaletse ka lone* kwa Eferatha;+Re ne ra le bona kwa masimong a sekgwa.+   A re tseneng mo bonnong jwa gagwe;*+A re ikobeng fa sebeong sa gagwe sa dinao.+   Dira sengwe tlhe Jehofa, mme o tsene kwa lefelong la gago la boikhutso,+Wena le Letlole le le bontshang maatla a gago.+   E kete baperesiti ba gago ba ka apara tshiamo,E bile e kete batho ba gago ba ba ikanyegang ba ka goa ka boitumelo. 10  Ka ntlha ya ga Dafide motlhanka wa gago,O se ka wa gana* motlodiwa wa gago.+ 11  Jehofa o ikanetse Dafide;Ruri ga a kitla a busetsa lefoko leno la gagwe morago: “Ke tla tlhoma mongwe wa ditlogolwana tsa gago*Mo setulong sa gago sa bogosi.+ 12  Fa bomorwao ba ka boloka kgolagano ya meLe dikgakololo tsa me tse ke ba rutang tsone,+Bomorwaabone le boneBa tla nna mo setulong sa gago sa bogosi ka bosakhutleng.”+ 13  Gonne Jehofa o tlhophile Siona;+O eleditse gore e nne lefelo la gagwe la bonno a re:+ 14  “Leno ke lefelo la me la boikhutso ka bosakhutleng;Ke tla nna fano,+ ka gonne eno ke keletso ya me. 15  Ke tla segofatsa lefelo leno ka dijo tse dintsi;Ke tla tlamela bahumanegi ba lone ka senkgwe.+ 16  Ke tla apesa baperesiti ba lone poloko,+Mme batho ba lone ba ba ikanyegang ba tla goa ka boitumelo.+ 17  Ke tla dira gore nonofo ya ga Dafide e oketsege.* Ke baakanyeditse motlodiwa wa me lobone.+ 18  Ke tla apesa baba ba gagwe ditlhong,Mme serwalo sa bogosi se se mo tlhogong ya gagwe se tla galalela.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “Motlaagana o mogolo.”
Go lebega go tewa Letlole.
Kgotsa “mo motlaaganeng wa gagwe o mogolo.”
Seheb., “wa busetsa morago sefatlhego sa.”
Seheb., “lengwe la maungo a popelo ya gago.”
Seheb., “lonaka lwa ga Dafide lo tsholetsege.”