Dipesalema 110:1-7

  • Kgosi le moperesiti yo o tshwanang le Melekisedeke

    • ‘Busa mo gare ga baba ba gago’ (2)

    • Basha ba ba ithaopang ka go rata ba tshwana le monyo (3)

Pesalema ya ga Dafide. Pina. 110  Jehofa o ne a raya Morena wa me a re: “Nna ka fa seatleng sa me sa moja+Go fitlha ke dira gore baba ba gago ba nne ka fa tlase ga dinao tsa gago.”+  2  Jehofa o tla otlolola thobane ya nonofo ya gago go tswa mo Siona a re: “Tsamaya mo gare ga baba ba gago mme o ba fenye.”+  3  Batho ba gago ba tla ithaopa ka go rata mo letsatsing la mophato wa gago wa sesole.* Mo bontlentleng jwa boitshepo, go tswa mo popelong ya bosa,O na le setlhopha sa gago sa makau se se tshwanang le marothodi a monyo.  4  Jehofa o dirile maikano ano, mme ga a kitla a fetola mogopolo wa gagwe:* “O moperesiti ka bosakhutleng+Yo o tshwanang le Melekisedeke!”+  5  Jehofa o tla bo a le ka fa seatleng sa gago sa moja;+O tla thubaganya dikgosi mo letsatsing la bogale jwa gagwe.+  6  O tla atlhola ditšhaba;+O tla tlatsa lefatshe ka ditopo.+ O tla thubaganya moeteledipele* wa naga e kgolo thata.*  7  O* tla nwa mo mokgatšheng o o fa thoko ga tsela. Ka jalo, o tla tsholeletsa tlhogo ya gagwe kwa godimo.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “mo letsatsing la fa masole a gago a ipaakanya.”
Kgotsa “ga a kitla a ikwatlhaya.”
Seheb., “tlhogo.”
Kgotsa “wa lefatshe lotlhe.”
Go tewa “Morena wa me” yo go buiwang ka ene mo temana 1.