Dipesalema 94:1-23
94 Ao tlhe Jehofa, wena Modimo yo o ipusolosetsang mo go ba ba bosula,+Bontsha gore o mang, otlhaya ba ba bosula!
2 Ema, wena Moatlhodi wa lefatshe.+
Naya ba ba mabela tuelo e e ba tshwanetseng.+
3 Ao tlhe Jehofa, batho ba ba bosula ba tla tswelela ka lobaka lo lo kae,Ba tla tswelela ba itumela ka lobaka lo lo kae?+
4 Ba a balabala e bile ba bua ka mabela;Badirabosula botlhe ba a ikgantsha.
5 Ba gatelela batho ba gago Jehofa,+E bile ba bogisa boswa jwa gago.
6 Ba bolaya motlholagadi le motswakwa,E bile ba bolaya dikhutsana.*
7 Ba re: “Jah ga a bone;+Modimo wa ga Jakobe ga a lemoge seno.”+
8 Tlhaloganyang seno, lona ba lo se nang tlhaloganyo;Lona dieleele, a lo tla tsamaya lo nna le temogo?+
9 A Ene yo o dirileng* tsebe, ga a kgone go utlwa?
A Ene yo o bopileng leitlho, ga a kgone go bona?+
10 A Ene yo o otlhayang ditšhaba, ga a kgone go kgalemela?+
Ke Ene yo o nayang batho kitso!+
11 Jehofa o itse dikakanyo tsa batho,Gore di tshwana fela le mohemo.+
12 Go itumela motho yo o mo otlhayang, wena Jah,+Yo o mo rutang go tswa mo molaong wa gago,+
13 Gore o mo neye kagiso le tidimalo ka malatsi a masetlapelo,Go fitlha modirabosula a epelwa khuti.+
14 Gonne Jehofa ga a kitla a latlha batho ba gagwe,+E bile ga a kitla a tlogela boswa jwa gagwe.+
15 Gonne katlholo e tla boa e dirwa ka tshiamo gape,Mme botlhe ba dipelo tsa bone di siameng ba tla e latela.
16 Ke mang yo o tla ntlhabanelang le batho ba ba sa siamang?
Ke mang yo o tla ntwelang le badirabosula?
17 Fa Jehofa a ka bo a sa nna mothusi wa me,Nkabo ke sule.*+
18 Fa ke ne ke re: “Lonao lwa me lo a relela,”Lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng Jehofa, lo ne lwa nna lo ntshegetsa.+
19 Fa ditlhobaelo* di ne di mphekeetsa,*O ne wa nkgomotsa wa bo wa ntshidila maikutlo.+
20 A setulo sa bogosi* sa bonweenwee se ka golagana le wenaFa se ntse se loga maano a go baka mathata ka leina la molao?*+
21 Ba tlhasela mosiami setlhogo+E bile ba atlholela yo o se nang molato loso.*+
22 Le fa go ntse jalo, Jehofa o tla nna lefelo la me la botshabelo le le sireletsegileng,*Modimo wa me ke lefika le ke tshabelang mo go lone.+
23 O tla dira gore ditiro tsa bone tse di bosula di boele mo go bone.+
O tla ba nyeletsa* ka bosula jwa bone.
Jehofa Modimo wa rona o tla ba nyeletsa.*+
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Seheb., “bana ba ba se nang borre.”
^ Seheb., “tlhomileng.”
^ Seheb., “ke agile mo tidimalong.”
^ Kgotsa “dikakanyo tse di tlhobaetsang.”
^ Kgotsa “di ne di nna dintsi mo teng ga me.”
^ Kgotsa “ka taelo.”
^ Kgotsa “babusi; baatlhodi.”
^ Seheb., “E bile ba re madi a yo o se nang molato, a molato (bosula).”
^ Kgotsa “kago e e sireletsegileng.”
^ Seheb., “didimatsa.”
^ Seheb., “didimatsa.”