Dipesalema 23:1-6
Pina ya ga Dafide.
23 Jehofa ke Modisa+ wa me.
Ga nkitla ke tlhoka sepe.+
2 O dira gore ke rapame mo mafulong a a tletseng bojang;O nkisa kwa mafelong a boikhutso a a tletseng metsi.*+
3 O a ntapolosa.+
O ntsamaisa mo ditselaneng tsa tshiamo ka ntlha ya leina la gagwe.+
4 Le fa ke tsamaya mo mokgatšheng o o lefifi le lentshontsho,+Ga ke boife sepe se se kotsi,+Gonne o na le nna;+Thobane ya gago e dira gore ke ikutlwe ke sireletsegile.
5 Modimo wa me, o mpeela dijo mo tafoleng fa pele ga baba ba me.+
O tlotsa tlhogo ya me ka leokwane;+Kopi ya me e tletse thata.+
6 Ruri molemo le lorato lo lo sa kgaotseng di tla ntshala morago malatsi otlhe a botshelo jwa me,+Mme ke tla nna mo ntlong ya ga Jehofa botshelo jotlhe jwa me.+
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa gongwe “kwa metsing a a lapolosang.”