Dipesalema 47:1-9

  • Modimo ke Kgosi ya lefatshe lotlhe

    • ‘Jehofa o a boitshega’ (2)

    • Opelelang Modimo dipako (6, 7)

Go mokaedi. Pesalema ya bomorwa Kora.+ Pina. 47  Opang diatla, lona ditšhaba tsotlhe. Goelang kwa Modimong ka gonne lo fentse.   Gonne Jehofa Mogodimodimo o a boitshega;+Ke Kgosi e kgolo e e okametseng lefatshe lotlhe.+   O dira gore merafe e nne mo taolong ya rona;O dira gore re fenye ditšhaba.+   O re tlhophela boswa jwa rona,+Jo Jakobe, yo o ratwang ke Modimo, a ipelafatsang ka jone.+ (Selah)   Modimo o ne a tlhatloga fa batho ba ntse ba goa ka boitumelo;Jehofa o ne a tlhatloga fa batho ba ntse ba letsa lonaka.*   Opelelang Modimo dipako,* opelang dipako. Opelelang Kgosi ya rona dipako, opelang dipako.   Gonne Modimo ke Kgosi ya lefatshe lotlhe;+Opelang dipako, mme nnang le temogo.   Modimo ke Kgosi ya ditšhaba.+ Modimo o ntse mo setulong sa gagwe sa bogosi se se boitshepo.   Baeteledipele ba ditšhaba ba phuthegile mmogoLe batho ba Modimo wa ga Aborahame. Gonne babusi* ba lefatshe ke ba Modimo. O kwa godimo thata.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “lonaka lwa phelefu; terompeta.”
Kgotsa “Leletsang Modimo mmino.”
Seheb., “dithebe.”