Dipesalema 49:1-20

  • Boeleele jwa go ikanya dikhumo

    • Ga go na motho yo o ka gololang yo mongwe (7, 8)

    • Modimo o golola go tswa mo Lebitleng (15)

    • Dikhumo ga di ka ke tsa golola mo losong (16, 17)

Go mokaedi. Pesalema ya bomorwa Kora.+ Pina. 49  Utlwang seno, lona ditšhaba tsotlhe. Reetsang ka kelotlhoko, lona banni botlhe ba lefatshe,*   Lona ba bannye le ba bagolo,*Bahumi mmogo le bahumanegi.   Molomo wa me o tla bua botlhale,Ke tla akanyetsa kwa teng ka dilo tse di nang le tlhaloganyo.+   Ke tla reetsa seane ka kelotlhoko;Ke tla tlhalosa thamalakane ya me ka harepa.   Goreng ke tshwanetse go boifa ka dinako tsa mathata,+Fa ke dikologilwe ke bosula* jwa batho ba ba batlang go ntiga?   Ba ba ikanyang dikhumo tsa bone+Le ba ba ikgantshang ka dikhumo tsa bone tse dintsi,+   Ga go na ope wa bone yo o ka gololang yo mongweKgotsa yo o ka duelang Modimo tlhwatlhwa ya go rekolola yo mongwe,+   (Tlhwatlhwa ya botshelo* jwa motho e kwa godimo thataMo e leng gore ba ka se kgone go e duela);   Ga ba kgone go rekolola ope gore a tshele ka bosakhutleng mme a se ka a swa.*+ 10  Mongwe le mongwe o a bona gore tota le batho ba ba botlhale ba a swa;Dimatla le ba ba se nang tlhaloganyo ba nyelela mmogo,+Mme ba tshwanelwa ke go tlogelela ba bangwe dikhumo tsa bone.+ 11  Keletso ya bone ke gore matlo a bone a nne ka bosakhutleng,Ditente tsa bone di nne gone kokomana morago ga kokomana. Ba reeletse ditsha tsa bone ka maina a bone. 12  Mme gone le fa motho a tlotlega, a ka se tswelele a tshela;+Ga a botoka mo diphologolong tse di nyelelang.+ 13  Seno ke se se tla diragalelang batho ba ba dimatla,+Le balatedi ba bone, ba ba itumelang ka ntlha ya mafoko a bone a a se nang mosola. (Selah) 14  Ba atlholetswe go ya kwa Lebitleng,* jaaka dinku tse di yang tlhabong. Loso lo tla ba disa;Ba ba siameng ba tla ba laola+ mo mosong. Ba ka se tlhole ba bonwa gotlhelele;+Lebitla*+ e tla nna legae la bone, e seng ntlo ya segosi.+ 15  Le fa go ntse jalo, Modimo o tla nkgolola mo maatleng* a Lebitla,*+Gonne o tla nngangatlela. (Selah) 16  O se ka wa boifa fa motho mongwe a huma,Fa bontle jwa ntlo ya gagwe bo oketsega, 17  Gonne fa a swa a ka se tsamaye ka sepe;+Dikhumo tsa gagwe di ka se fologele le ene kwa tlase.+ 18  Gonne fa a sa ntse a tshela o a ikakgola.+ (Batho ba a go galaletsa fa o atlega.)+ 19  Mme la bofelo o latela kokomana ya borraagwemogolo. Ga ba kitla ba tlhola ba bona lesedi gape. 20  Motho yo o sa tlhaloganyeng seno, tota le fa a tlotlega,+Ga a botoka mo diphologolong tse di nyelelang.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “tsamaiso ya dilo.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seheb., “Lona bomorwa batho mmogo le bomorwa motho.”
Seheb., “tlolo.”
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seheb., “a se ka a bona lebitla.”
Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seheb., “mo seatleng.”
Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.