Dipesalema 82:1-8

  • Kopo ya gore go atlholwe ka tshiamo

    • Modimo o atlhola mo gare ga “medimo” (1)

    • “Femelang batho ba maemo a a kwa tlase” (3)

    • “Lo medimo” (6)

Pina ya ga Asafe.+ 82  Modimo o ema mo maemong a gagwe gore a kaele ba ba phuthegileng;+O atlhola+ medimo* a re:  2  “Lo tla tswelela lo atlhola ka go tlhoka tshiamiso+E bile lo ema mo letlhakoreng la badirabosula ka lobaka lo lo kae?+ (Selah)  3  Femelang* batho ba maemo a a kwa tlase le dikhutsana.*+ Direlang ba ba sa kgoneng go itshireletsa le bahumanegi tshiamiso.+  4  Namolang batho ba maemo a a kwa tlase le batlhoki;Ba gololeng mo seatleng sa batho ba ba bosula.”  5  Ga ba itse e bile ga ba tlhaloganye;+Ba tsamayatsamaya mo lefifing;Metheo yotlhe ya lefatshe e a reketlisiwa.+  6  “Ke ne ka re, ‘Lo medimo,*+Lotlhe fela lo bomorwa Mogodimodimo.  7  Le fa go ntse jalo, lo tla swa fela jaaka batho ba swa;+E bile lo tla wa fela jaaka kgosana nngwe le nngwe e wa!’”+  8  Ao tlhe Modimo, dira sengwe mme o atlhole lefatshe,+Gonne ditšhaba tsotlhe ke tsa gago.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ba ba tshwanang le modimo.”
Seheb., “bana ba ba se nang borre.”
Kgotsa “Atlholelang.”
Kgotsa “ba ba tshwanang le modimo.”