Dipesalema 75:1-10

  • Modimo o atlhola ka tekatekano

    • Badirabosula ba tshwanetse go nwa senwelo sa ga Jehofa (8)

Go mokaedi. E opelwe ka molodi wa “O se Ka wa Ntshenya.” Pesalema ya ga Asafe.+ Pina. 75  Re go ntshetsa ditebogo wena Modimo, re go ntshetsa ditebogo;O gaufi le rona,*+E bile batho ba bolela ditiro tsa gago tse di gakgamatsang.   O a re: “Fa ke tlhomile nako,Ke atlhola ka tekatekano.   Fa lefatshe le banni botlhe ba lone di ne di nyerologa,Ke nna yo ke neng ka dira gore dipilara tsa lone di tie.” (Selah)   Ke raya ba ba ikgodisang ke re, “Lo se ka lwa ikgodisa,” Le ba ba bosula ke re, “Lo se ka lwa ikgodisa ka ntlha ya nonofo ya lona.*   Lo se ka lwa ikgodisa ka gonne lo nonofile thata*Kgotsa lwa bua ka mabela.   Gonne go ikgodisa ga go tsweKwa botlhaba kgotsa kwa bophirima kgotsa kwa borwa.   Gonne Modimo ke Moatlhodi.+ O kokobetsa motho yo mongwe a bo a godisa yo mongwe.+   Gonne mo seatleng sa ga Jehofa go na le senwelo;+Beine e phoka lefulo e bile e tswakantswe sentle. Ruri o tla e tsholola,Mme batho botlhe ba ba bosula mo lefatsheng ba tla e nwa, tota le maritsa* a yone.”+   Mme fa e le nna, ke tla bua ka gone ka bosakhutleng;Ke tla opelela* Modimo wa ga Jakobe dipako. 10  Gonne a re: “Ke tla fedisa nonofo* yotlhe ya batho ba ba bosula,Le fa go ntse jalo, nonofo ya basiami e tla oketsega.”*

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “Leina la gago le gaufi.”
Seheb., “Lo se ka lwa godisa lonaka lwa lona.”
Seheb., “Lo se ka lwa godisetsa lonaka lwa lona kwa godimo.”
Kgotsa “dintshe.”
Kgotsa “letsa mmino.”
Seheb., “Ke tla kgaola dinaka.”
Seheb., “dinaka tsa basiami di tla tsholetsega.”