Dipesalema 90:1-17
Thapelo ya ga Moshe, monna wa Modimo wa boammaaruri.+
90 Jehofa, o ntse o le botshabelo* jwa rona+ mo dikokomaneng tsotlhe.
2 Pele ga dithaba di tsholwaKgotsa pele ga o bopa* lefatshe le naga e e ungwang,+Go tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng, o ntse o le Modimo.+
3 O dira gore motho a boele mo leroleng;O a re: “Boang, lona bomorwa batho.”+
4 Gonne mo matlhong a gago dingwaga di le sekete di tshwana fela le letsatsi la maabane le le fetileng,+Di tshwana fela le diura di se kae tsa bosigo.
5 O a ba gogola;+ ba nna jaaka boroko fela;Mo mosong ba tshwana le bojang jo bo tlhogang.+
6 Mo mosong bo a thunya bo bo bo ntšhafala,Mme maitseboa bo a swaba bo bo bo omelela.+
7 Gonne re fedisiwa ke bogale jwa gago+E bile re tshosiwa ke tšhakgalo ya gago.
8 O baya maleo a rona fa pele ga gago;*+Diphiri tsa rona di senolwa ke lesedi la sefatlhego sa gago.+
9 Malatsi a rona a a nyelela* ka ntlha ya tšhakgalo ya gago;Mme dingwaga tsa rona di khutla fela jaaka mohemo.
10 Re tshela dingwaga di le 70,Kgotsa di le 80+ fa e le gore motho o nonofile thata.*
Le fa go ntse jalo, di tletse matshwenyego le mahutsana;Di feta ka bonako, re bo re sa tlhole re le teng.+
11 Ke mang yo o ka kgonang go tlhaloganya maatla a bogale jwa gago?
Tšhakgalo ya gago e kgolo jaaka tlotlo e e go tshwanelang.+
12 Re rute gore re bale malatsi a rona jang+Gore re tle re nne le pelo e e botlhale.
13 Ao tlhe Jehofa, boa!+ Seno se tla tswelela go fitlha leng?+
Utlwela batlhanka ba gago botlhoko.+
14 Re kgotsofatse ka lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng+ mo mosong,Gore re tle re goe ka boitumelo mme re itumele+ malatsi otlhe a rona.
15 Dira gore re itumele ka malatsi a a lekanang le a o re bogisitseng ka one,+Re itumele ka dingwaga tse dintsi jaaka tse re neng re le mo masetlapelong ka tsone.+
16 E kete batlhanka ba gago ba ka bona tiro ya gago,E bile e kete barwa ba bone ba ka bona bontlentle jwa gago.+
17 E kete kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa, Modimo wa rona, e ka nna mo go rona;E kete o ka dira gore* tiro ya diatla tsa rona e atlege.
Dira gore* tiro ya diatla tsa rona e atlege.+
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa “bonno.”
^ Kgotsa “o tshola jaaka e kete ka ditlhabi tsa pelegi.”
^ Kgotsa “O bona maleo a rona.”
^ Kgotsa “Botshelo jwa rona bo a nyelela.”
^ Kgotsa “ka ntlha ya maatla a a kgethegileng.”
^ Kgotsa “tlhomamisa thata.”
^ Kgotsa “tlhomamisa thata.”