Dipesalema 140:1-13

  • Jehofa, Mmoloki yo o nonofileng

    • Batho ba ba bosula ba tshwana le dinoga (3)

    • Ba ba dikgoka ba tla wa (11)

Go mokaedi. Pina ya ga Dafide. 140  Ao tlhe Jehofa, nnamole mo bathong ba ba bosula;Nkgolole mo bathong ba ba dikgoka,+  2  Ba ba logang maano a a bosula mo dipelong tsa bone+Le ba ba bakang dikgotlhang letsatsi lotlhe.  3  Ba lootsa loleme lwa bone gore lo tshwane le lwa noga;+Se ba se buang se utlwisa botlhoko fela jaaka botlhole jwa noga ya lebolobolo.+ (Selah)  4  Ao tlhe Jehofa, nkgolole mo diatleng tsa batho ba ba bosula;+Nnamole mo bathong ba ba dikgoka,Ba ba logang leano la go ntiga.  5  Ba ba mabela ba mphitlhela serai;Ba tsharolola letlowa ka megala fa thoko ga tselana.+ Ba mpeela dirai.+ (Selah)  6  Ke raya Jehofa ke re: “O Modimo wa me. Ao tlhe Jehofa, reetsa dithapelo tsa me tsa go kopa thuso.”+  7  Wena Morena Molaodimogolo Jehofa, Mmoloki wa me yo o nonofileng,O sireletsa tlhogo ya me mo letsatsing la tlhabano.+  8  Ao tlhe Jehofa, o se ka wa letla gore batho ba ba bosula ba diragatse dikeletso tsa bone. O se ka wa letla gore maano a bone a a bosula a atlege, gore ba se ka ba ikgodisa.+ (Selah)  9  E kete ditlhogo tsa ba ba ntikologilengDi ka khurumediwa ke bosula jo ba bo buileng.+ 10  E kete magala a a tukang a ka wela mo go bone.+ E kete ba ka latlhelwa mo molelong,Mo dikhuting tse di botengteng,*+ gore ba se ka ba tlhola ba tsoga. 11  E kete motho yo o senyang batho leina a ka tlhoka lefelo mo lefatsheng.+ E kete bosula bo ka latelela batho ba ba dikgoka mme jwa ba kgemetha. 12  Ke a itse gore Jehofa o tla femela batho ba maemo a a kwa tlaseA bo a direla bahumanegi ka tshiamiso.+ 13  Eleruri basiami ba tla ntshetsa leina la gago ditebogo;Ba ba ikanyegang ba tla nna ba atamalane le wena.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “Mo dikhuting tse di tletseng metsi.”