Dipesalema 64:1-10

  • Go sirelediwa mo ditlhaselong tse di bofitlha

    • “Modimo o tla ba hula” (7)

Go mokaedi. Pina ya ga Dafide. 64  Ao tlhe Modimo, ntheetse fa ke go kopa.+ Sireletsa botshelo jwa me gore ke se ka ka boifisiwa ke mmaba.   Ntshireletse mo maanong a sephiri a batho ba ba bosula,+Mo boidiiding jwa badirabosula.   Ba lootsa maleme a bone fela jaaka tšhaka;Ba lebaganya mafoko a bone a a setlhogo jaaka metswi,   Gore ba hule motho yo o se nang molato ba le mo mafelong a ba iphitlhang mo go one;Ba mo hula ka tshoganyetso, ba sa boife sepe.   Ba ngangatlela maikaelelo a bone a a bosula;*Ba buisana kafa ba ka fitlhang dirai tsa bone ka gone. Ba re: “Ke mang yo o tla di bonang?”+   Ba batla ditsela tse disha tsa go dira bosula;Ba loga leano la bone la bolotsana mo sephiring;+Se mongwe le mongwe wa bone a se akanyang mo pelong ya gagwe se boteng.   Mme Modimo o tla ba hula;+Ka tshoganyetso fela ba tla bo ba gobaditswe ke motswi.   Loleme lwa bone lo tla dira gore ba we;+Botlhe ba ba lebileng ba tla tshikinya ditlhogo.   Foo batho botlhe ba tla boifa,Mme ba tla itsise se Modimo a se dirileng,E bile ba tla lemoga ditiro tsa gagwe.+ 10  Motho yo o siameng o tla itumela mo go Jehofa e bile o tla tshabela mo go ene;+Botlhe ba ba dipelo di siameng ba tla itumela.*

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “Ba tlhotlheletsana go dira bosula.”
Kgotsa “ipelafatsa.”