Dipesalema 76:1-12

  • Modimo o fenya baba ba Siona

    • Modimo o boloka ba ba pelonolo (9)

    • Baba ba ba boikgogomoso ba tla kokobediwa (12)

Go mokaedi; e opelwe le diletswa tsa megala. Pesalema ya ga Asafe.+ Pina. 76  Modimo o a itsege mo Juda;+Leina la gagwe le legolo mo Iseraele.+  2  Lefelo la gagwe la go ikhutsa le kwa Salema,+Mme lefelo le a nnang mo go lone le kwa Siona.+  3  Ke gone kwa a neng a robaganya metswi ya bora e e tswang kgabo ya molelo,Le thebe le tšhaka le dibetsa tsa ntwa.+ (Selah)  4  O phatsima thata;*O mogolo thata go gaisa dithaba tse go nnang dibatana mo go tsone.  5  Ba ba pelokgale ba ne ba gapelwa dilo tse ba neng ba na le tsone.+ Ba ne ba wetswe ke boroko;Batlhabani ba ne ba se na maatla.+  6  Mokgweetsi wa kara o sule le pitse e sule+Ka ntlha ya go kgalema ga gago, wena Modimo wa ga Jakobe.  7  Wena o le esi o a gakgamatsa.+ Ke mang yo o ka emelanang le bogale jwa gago jo bogolo?+  8  O ne wa itsise katlholo o le kwa legodimong;+Lefatshe le ne la boifa la bo la didimala+  9  Fa Modimo a ne a dirisa maatla a gagwe go atlhola baba ba gagwe,Gore a boloke botlhe ba ba pelonolo ba ba mo lefatsheng.+ (Selah) 10  Gonne bogale jwa motho bo tla dira gore o bakwe;+O tla ikgabisa ka masalela a bogale jwa bone. 11  Direlang Jehofa, Modimo wa lona maikano mme lo a diragatse,+A botlhe ba ba mo dikologileng ba mo tlisetse dimpho ka poifo.+ 12  O tla kokobetsa baeteledipele ba ba boikgogomoso;O dira gore dikgosi tsa lefatshe di boife.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “O apesitswe ke lesedi.”