Dipesalema 59:1-17

  • Modimo, thebe le botshabelo

    • ‘O se ka wa utlwela batsietsi botlhoko’ (5)

    • “Ke tla opela ka ga nonofo ya gago” (16)

Go mokaedi; e opelwe ka molodi wa “O se Ka wa Ntshenya.” Pesalema ya ga Dafide. Miketame.* Fa Saulo a ne a romela banna gore ba ye go disa ntlo ya ga Dafide gore ba mmolaye.+ 59  Nkgolole mo babeng ba me, tlhe Modimo wa me;+Ntshireletse mo go ba ba ntlhaselang.+  2  Nkgolole mo go ba ba dirang bosula,O bo o nnamole mo bathong ba ba dikgoka.*  3  Ba ntlhasela ke sa solofela;+Banna ba ba maatla ba ntlhasetseMme e se ka gonne ke tlhanogile kgotsa ke leofile+ tlhe Jehofa.  4  Le fa ke sa dira phoso epe, ba a siana ba bo ba ipaakanyetsa go ntlhasela. Fa ke kopa gore o nthuse, nthuse mme o bone gore ba dira eng.  5  Gonne Jehofa Modimo wa masomosomo, o Modimo wa Iseraele.+ Tsoga gore o tlhatlhobe ditšhaba tsotlhe. O se ka wa utlwela batsietsi bape ba ba setlhogo botlhoko.+ (Selah)  6  Maitseboa mangwe le mangwe ba a tla;+Ba bogola jaaka dintša+ e bile ba tsamayatsamaya go dikologa motse.+  7  Bona se se tswang mo melomong ya bone;Mafoko a bone a tshwana le ditšhaka,+Gonne ba re: “Ke mang yo o reeditseng?”+  8  Mme wena Jehofa, o tla ba tshega;+O tla sotla ditšhaba tsotlhe.+  9  Nonofo ya me, ke tla nna ke go letetse;+Gonne Modimo ke lefelo la me la botshabelo le le sireletsegileng.*+ 10  Modimo yo o mpontshang lorato lo lo sa kgaotseng o tla nthusa;+Modimo o tla dira gore ke itumelele go bona baba ba me ba fenngwa.+ 11  O se ka wa ba bolaya gore batho ba gaetsho ba tle ba se ka ba lebala seno. Dirisa maatla a gago gore ba kgarakgatshege;Ao tlhe Jehofa, wena thebe ya rona,+ dira gore ba we. 12  E re ka ba leofile ka se ba se buang,E kete ba ka tshwarwa ke boikgogomoso jwa bone,+Ka gonne ba a tlhapatsa e bile ba a tsietsa. 13  Ba fedise ka bogale jwa gago;+Ba fedise, gore ba se ka ba tlhola ba nna teng;Dira gore ba itse gore Modimo o busa mo go Jakobe le go ya kwa dikhutlong tsa lefatshe.+ (Selah) 14  Ba letle gore ba boe maitseboa;Ba letle gore ba bogole jaaka dintša ba bo ba tsamayetsamaye go dikologa motse.+ 15  Dira gore ba kgarakgatshege ba batle se ba ka se jang;+O se ka wa dira gore ba kgotsofale kgotsa ba bone lefelo le ba ka robalang mo go lone. 16  Mme nna, ke tla opela ka ga nonofo ya gago;+Mo mosong ke tla bua ka lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng ke itumetse. Gonne o lefelo la me la botshabelo le le sireletsegileng+Le lefelo le ke tshabelang kwa go lone fa ke lebane le matshwenyego.+ 17  Wena Nonofo ya me, ke tla go opelela dipako,*+Gonne Modimo ke lefelo la me la botshabelo le le sireletsegileng, Modimo yo o mpontshang lorato lo lo sa kgaotseng.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ba ba nyoretsweng madi.”
Kgotsa “ke kago ya me e e sireletsegileng.”
Kgotsa “leletsa mmino.”