Dipesalema 98:1-9

  • Jehofa, Mmoloki le Moatlhodi yo o siameng

    • Poloko ya ga Jehofa e a itsisiwe (2, 3)

Pina. 98  Opelelang Jehofa pina e ntšha,+Gonne o dirile dilo tse di gakgamatsang.+ Seatla sa gagwe sa moja, e leng lebogo la gagwe le le boitshepo, se tlisitse poloko.*+   Jehofa o dirile gore poloko ya gagwe e itsiwe;+O senotse tshiamo ya gagwe fa pele ga ditšhaba.+   O gakologetswe lorato lo lo sa kgaotseng lo a neng a ratile Baiseraele ka lone le kafa a neng a ikanyega mo go bone ka gone.+ Dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe di bone poloko ka Modimo wa rona.*+   Goang ka boitumelo mme lo bake Jehofa, lona batho botlhe ba ba mo lefatsheng. Itumeleng, lo goe ka boitumelo lo bo lo opele dipako.*+   Opelelang* Jehofa dipako ka harepa,Ka harepa le ka pina e e monate.   Goang ka boitumelo fa pele ga Kgosi, e bong Jehofa,Lo letsa diterompeta le lonaka.+   A lewatle le goe ka boitumelo le tsotlhe tse di mo go lone,Lefatshe* le ba ba nnang mo go lone.   A dinoka di ope diatla;A dithaba di goe mmogo ka boitumelo+   Fa pele ga ga Jehofa, ka gonne o tlile go atlhola lefatshe. O tla atlhola batho ba ba nnang mo lefatsheng* ka tshiamo+Le ditšhaba ka tekatekano.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “se mo tliseditse phenyo.”
Kgotsa “phenyo ya Modimo wa rona.”
Kgotsa “letse mmino.”
Kgotsa “Letsang mmino.”
Kgotsa “Naga e e ungwang.”
Kgotsa “atlhola lefatshe le le ungwang.”