Dipesalema 39:1-13

  • Botshelo bo bokhutshwane

    • Motho ke mohemo fela (5, 11)

    • “O se ka wa itlhokomolosa dikeledi tsa me” (12)

Go mokaedi wa Jeduthune.*+ Pina ya ga Dafide. 39  Ke ne ka re: “Ke tla nna kelotlhokoGore ke se ka ka leofa ka se ke se buang.+ Ke tla tswala molomo wa me+Fa fela modirabosula a sa ntse a le fa go nna.”  2  Ke ne ke se na puo e bile ke didimetse;+Ke ne ka didimala, tota le tse di molemo ke ne ke sa di bue,Mme ke ne ke utlwile botlhoko thata.  3  Pelo ya me e ne ya fuduega* mo teng ga me. Fa ke ntse ke akanyetsa kwa teng, ke ne ke tuka jaaka molelo. Foo ke ne ka re:  4  “Ao tlhe Jehofa, nthuse gore ke itse gore ke tla felela jang,Le gore ke itse malatsi a botshelo jwa me,+Gore ke tle ke itse gore botshelo jwa me bo bokhutshwane go le kana kang.*  5  Eleruri, o dirile gore malatsi a me a nne mmalwa fela;*+Mme lobaka lwa botshelo jwa me ga se sepe fa pele ga gago.+ Ruri motho mongwe le mongwe, le fa a ka lebega a sireletsegile, o tshwana fela le mohemo.+ (Selah)  6  Ruri motho mongwe le mongwe o tsamayatsamaya jaaka moriti. O itlhaganelela* lefela. O kokoanya dikhumo a sa itse yo o tla di itumelelang.+  7  Jaanong Jehofa, tota ke eng se nka se solofelang? Ke wena fela tsholofelo ya me.  8  Nkgolole mo melatong ya me yotlhe.+ O se ka wa letla gore sematla se nnyatse.  9  Ke ne ka tswelela ke se na puo;Ke ne ke sa kgone go bula molomo,+Gonne ke wena o neng wa dira seno.+ 10  Tlosa petso ya gago mo go nna. Ke gateletswe ka gonne seatla sa gago se a ntitaya. 11  O kgalemela motho ka go mo otlhaela boleo jwa gagwe;+O laila dilo tse a di tsayang di le tlhwatlhwakgolo fela jaaka motoutwane* o dira. Eleruri motho mongwe le mongwe o tshwana fela le mohemo.+ (Selah) 12  Ao tlhe Jehofa, utlwa thapelo ya me,Ntheetse fa ke goa ke kopa thuso.+ O se ka wa itlhokomolosa dikeledi tsa me. Gonne ke motswakwa fela mo go wena,+Ke mofetikatsela* fela jaaka borremogolo botlhe.+ 13  Tlogela go nteba ka bogale gore ke tle ke itumelePele ga ke swa ke bo ke sa tlhole ke le teng.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Seheb., “gotela.”
^ Kgotsa “gore ke feta ka bonako go le kana kang.”
^ Seheb., “bophara jwa diatla.”
^ Seheb., “tsosa modumo.”
^ Kgotsa “mmoto.”
^ Kgotsa “mothibeledi.”