Dipesalema 89:1-52

  • Go opela ka lorato lwa ga Jehofa lo lo sa kgaotseng

    • Kgolagano le Dafide (3)

    • Losika lwa ga Dafide lo tla nna ka bosakhutleng (4)

    • Motlodiwa wa Modimo o mmitsa “Rre” (26)

    • Kgolagano ya ga Dafide e a tlhomamisiwa gore e tla nnela ruri (34-37)

    • Motho ga a ka ke a falola Lebitla (48)

Masekile.* Pesalema ya ga Ethane+ wa Moesera. 89  Ke tla opela ka bosakhutleng ka ditsela tse Jehofa a bontshang lorato lo lo sa kgaotseng ka tsone. Ke tla itsise boikanyegi jwa gago mo dikokomaneng tsotlhe.  2  Gonne ke ne ka re: “Lorato lo lo sa kgaotseng lo tla agiwa* ka bosakhutleng,+Mme boikanyegi jwa gago bo nna bo le kwa magodimong.”  3  “Ke dirile kgolagano le motlhanka wa me yo ke mo tlhophileng;+Ke ikanetse Dafide ke re:+  4  ‘Ke tla dira gore losika lwa gago+ lo nne lo le gone ka bosakhutleng,Mme bogosi* jwa gago bo tla nna bo le teng go tswa kokomaneng e nngwe go ya kwa go e nngwe.’”+ (Selah)  5  Magodimo a itsise ditiro tsa gago tse di gakgamatsang Jehofa,Eleruri, phuthego ya ba ba boitshepo e itsise boikanyegi jwa gago.  6  Gonne ke mang kwa loaping yo o ka tshwantshiwang le Jehofa?+ Ke mang mo go bomorwa Modimo+ yo o tshwanang le Jehofa?  7  Modimo o tshwanelwa ke go tlotliwa mo phuthegong ya ba ba boitshepo;+O mogolo e bile o tlotlometse thata go feta botlhe ba ba mo dikologileng.+  8  Ao tlhe Jehofa Modimo wa masomosomo,Ke mang yo o maatla jaaka wena Jah?+ Boikanyegi jwa gago bo go dikologile.+  9  O busa mo godimo ga lewatle le le galefileng;+Fa makhubu a lone a gogomoga, o a a sisibatsa.+ 10  O thubagantse Rahabe+ fela jaaka mongwe yo o bolailweng.+ O gasamisitse baba ba gago ka lebogo la gago le le nonofileng.+ 11  Magodimo ke a gago, le lefatshe ke la gago;+Naga e e ungwang le se se tletseng mo go yone,+ di thailwe ke wena. 12  O dirile gore go nne le bokone le borwa;Tabore+ le Heremone+ di baka leina la gago ka boitumelo. 13  Lebogo la gago le maatla;+Seatla sa gago se nonofile;+Seatla sa gago sa moja se tlotlometse.+ 14  Tshiamo le tshiamiso ke motheo wa setulo sa gago sa bogosi;+Lorato lo lo sa kgaotseng le boikanyegi di eme fa pele ga gago.+ 15  Go itumela batho ba ba go bakang ka mantswe a a itumetseng.+ Ba tsamaya mo leseding la sefatlhego sa gago Jehofa. 16  Ba itumela letsatsi lotlhe ka ntlha ya leina la gago,Mme tshiamo ya gago e dira gore ba tlotlomadiwe. 17  O dira gore batho ba gago ba nne maatla e bile ba nne bantle,+E bile re nna maatla le go feta* ka gonne o a re segofatsa.+ 18  Gonne Jehofa o re neile thebe ya rona,E bile kgosi ya rona re e neilwe ke Modimo yo o Boitshepo wa Iseraele.+ 19  Ka nako eo o ne wa bua le batho ba gago ba ba ikanyegang mo ponatshegelong mme wa re: “Ke neile yo o maatla nonofo;+Ke tlotlomaditse yo o tlhophilweng go tswa mo bathong.+ 20  Ke itlhophetse motlhanka wa me e bong Dafide;+Ke mo tloditse ka leokwane la me le le boitshepo.+ 21  Seatla sa me se tla mo tshegetsa,+Le lebogo la me le tla mo nonotsha. 22  Ga go na mmaba ope yo o tla mo pateletsang go ntsha sehuba,*E bile ga go na motho ope yo o sa siamang yo o tla mo gatelelang.+ 23  Ke tla thubaganya baba ba gagwe fa pele ga gagwe+E bile ke tla kgemetha ba ba mo tlhoileng.+ 24  Ke tla ikanyega mo go ene e bile ke tla mmontsha lorato lo lo sa kgaotseng,+Nonofo ya gagwe e tla oketsega* ka ntlha ya leina la me. 25  Ke tla baya seatla* sa gagwe mo godimo ga lewatleLe seatla sa gagwe sa moja mo godimo ga dinoka.+ 26  O tla goela kwa go nna a re: ‘O Rre,Modimo wa me le Lefika la poloko ya me.’+ 27  Mme ke tla mo dira leitibolo,+Yo o kwa godimo thata mo dikgosing tsa lefatshe.+ 28  Ke tla mmontsha lorato lo lo sa kgaotseng ka bosakhutleng,+Mme kgolagano e ke e dirileng le ene ga e kitla e kgaotsa.+ 29  Ke tla dira gore losika lwa gagwe lo nne ka bosakhutlengE bile ke tla dira gore setulo sa gagwe sa bogosi se nnele ruri jaaka magodimo.+ 30  Fa bomorwawe ba ka tlogela molao wa meBa bo ba sa tsamaye go dumalana le ditaelo* tsa me, 31  Fa ba ka tlola melao ya meBa bo ba sa boloke melawana ya me, 32  Foo ke tla ba otlhaela go tlhoka kutlo* ga bone ka thobane+E bile ke tla ba otlhaela molato wa bone ka go ba kgwathisa. 33  Le fa go ntse jalo, ga nkitla ke tlogela go mmontsha lorato lo lo sa kgaotseng+E bile ga nkitla ke tlogela go diragatsa tsholofetso ya me.* 34  Ga nkitla ke tlola kgolagano ya me+Kgotsa ke fetola se ke se buileng.+ 35  Ke ikanne ka boitshepo jwa me gangwe felafela;Ga nkitla ke aketsa Dafide.+ 36  Losika lwa gagwe lo tla nna lo le teng ka bosakhutleng;+Setulo sa gagwe sa bogosi se tla tswelela se le teng jaaka letsatsi fa pele ga me.+ 37  Se tla nna se le teng ka bosakhutlengFela jaaka ngwedi e nna e le teng* mo loaping.” (Selah) 38  Mme wena ka bowena o latlhile motlodiwa wa gago e bile o mo ganne;+O mo galefetse thata. 39  O sentse kgolagano e o e dirileng le motlhanka wa gago;O leswafaditse* serwalo sa gagwe sa segosi ka go se latlhela fa fatshe. 40  O thubile dipota tsa gagwe tsotlhe tsa maje;*O dirile dithako tsa gagwe marope. 41  Botlhe ba ba fetang ka tsela ba gapile dithoto tsa gagwe;Baagelani ba gagwe ba a mo kgoba.+ 42  O dirile gore baba ba gagwe ba fenye;*+O dirile gore dira tsa gagwe tsotlhe di itumele. 43  Gape o dirile gore tšhaka ya gagwe e se ka ya nna le mosola,Mme o dirile gore a se ka a atlega mo tlhabanong. 44  O fedisitse bontle jwa gagweE bile o latlhetse setulo sa gagwe sa bogosi fa fatshe. 45  O khutshwafaditse malatsi a bosha jwa gagwe;O mo apesitse ditlhong. (Selah) 46  Ao tlhe Jehofa, o tla nna o iphitlhile ka lobaka lo lo kae? A e tla nna ka bosakhutleng?+ A bogale jwa gago bo tla tswelela bo tuka jaaka molelo? 47  Gakologelwa kafa botshelo jwa me bo leng bokhutshwane ka gone.+ A o ne o se na boikaelelo bope fa o ne o bopa batho? 48  Ke motho ofe yo o tshelang yo o se kitlang a swa?+ A a ka kgona go ikgolola mo maatleng a Lebitla?* (Selah) 49  Ao tlhe Jehofa, di kae ditiro tsa gago tsa nako e e fetileng tsa lorato lo lo sa kgaotseng,Tse o neng wa di ikanela Dafide ka ntlha ya boikanyegi jwa gago?+ 50  Ao tlhe Jehofa, gakologelwa kafa batlhanka ba gago ba kgobiwang ka gone;Kafa ke tshwanelwang ke go itshokela* go kgobiwa ke ditšhaba tsotlhe ka gone; 51  Kafa baba ba gago ba tlhapaditseng motlodiwa wa gago ka gone, tlhe Jehofa;Kafa ba tlhapaditseng kgato nngwe le nngwe ya gagwe ka gone. 52  E kete Jehofa a ka bakwa ka bosakhutleng. Amen le Amen.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “lo tla tswelela lo le teng.”
Seheb., “setulo sa bogosi.”
Seheb., “lonaka lwa rona lo a tsholetsega.”
Seheb., “Lonaka lwa gagwe lo tla tsholetsega.”
Kgotsa “taolo.”
Kgotsa “dikatlholo.”
Kgotsa “ba otlhaela botlhanogi.”
Seheb., “E bile ga nkitla ke nna maaka malebana le boikanyegi jwa me.”
Seheb., “mosupi yo o ikanyegang.”
Seheb., “itshepolotse.”
Kgotsa “mafelo a gagwe a maje.”
Seheb., “O godisitse seatla sa moja sa baba ba gagwe.”
Seheb., “mo seatleng sa Sheole?” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seheb., “go tshola mo sehubeng sa me.”