Dipesalema 109:1-31

  • Thapelo ya motho yo o tshwenyegileng

    • ‘A motho yo mongwe a tseye maemo a gagwe’ (8)

    • Modimo o ema mo letlhakoreng la mohumanegi (31)

Go mokaedi. Pesalema ya ga Dafide. Pina. 109  Ao tlhe Modimo yo ke mmakang,+ o se ka wa didimala fela.  2  Gonne ba ba bosula le ba ba tsietsang ba bula melomo ya bone ka nna. Ba bua maaka ka nna;+  3  Mongwe le mongwe wa bone o bua mafoko a a ntlhabang,E bile ba ntlhasela kwantle ga lebaka.+  4  Le fa ke ba rata, ba a ntatofatsa;+Le fa go ntse jalo, ke tswelela ke rapela.  5  Ba duela molemo o ke ba direlang one ka bosula+Le lorato lwa me ka letlhoo.+  6  Tlhoma motho yo o bosula gore a okamele mmaba wa me;*E kete moganetsi* a ka ema ka fa seatleng sa gagwe sa moja.  7  Fa a sekisiwa, e kete a ka bonwa molato;*E kete thapelo ya gagwe le yone e ka tsewa e le boleo.+  8  A malatsi a gagwe a nne mmalwa;+A tiro ya gagwe ya bolebedi e tsewe ke motho yo mongwe.+  9  A bana* ba gagwe ba tlhoke rre,Le mosadi wa gagwe a nne motlholagadi. 10  E kete bana* ba gagwe e ka nna bakopi ba ba kgarakgatshegang,Ba ba batlanang le dijo mo magaeng a bone a a fetogileng marope. 11  E kete yo o mo adimileng a ka tsaya* sotlhe se a nang le sone,E bile e kete batswakwa ba ka gapa dithoto tsa gagwe. 12  E kete go ka se nne le ope yo o mmontshang bopelonomi,*Mme e kete go ka se nne le ope yo o bontshang dikhutsana* kutlwelobotlhoko. 13  A ditlogolwana tsa gagwe di fedisiwe;+E kete leina la bone le ka phimolwa mo kokomaneng ya bone. 14  A Jehofa a gakologelwe molato wa borraagwemogolo,+E bile e kete boleo jwa ga mmaagwe bo ka se phimolwe. 15  E kete Jehofa a ka nna a gakologetswe se ba se dirileng;E bile e kete a ka dira gore ba se ka ba tlhola ba gopolwa mo lefatsheng.+ 16  Gonne ga a ka a gakologelwa go bontsha bopelonomi,*+Mme o ne a nna a latelela ba ba gateletsweng,+ ba ba humanegileng le ba ba pelo e phatlogilengGore a ba bolaye.+ 17  O ne a rata go hutsa, mme o ne a diragalelwa ke sone seo;O ne a sa rate go segofatsa, ka jalo ga a ka a segofadiwa. 18  O ne a apere diphutso jaaka seaparo sa gagwe. Mme di ne tsa tshelwa mo mmeleng wa gagwe jaaka metsi,Le mo marapong a gagwe jaaka leokwane. 19  E kete diphutso tsa gagwe di ka nna jaaka seaparo se a ithathelelang ka sone+Le jaaka lebanta le a ipofang ka lone ka metlha. 20  Eno ke tuelo e e tswang kwa go Jehofa ya motho yo o ganetsanang le nna+Le ya ba ba buang dilo tse di bosula ka nna. 21  Mme wena, Morena Molaodimogolo Jehofa,Nthuse, gore leina la gago le tle le galalediwe.+ Nkgolole, ka gonne lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng lo molemo.+ 22  Gonne ga ke kgone go itira sepe e bile ke humanegile,+E bile ke utlwile botlhoko fela thata.+ 23  Ke feta fela jaaka moriti o o felang;Ke tlhotlhorilwe jaaka tsie. 24  Mangole a me a a kgwetlha ka ntlha ya go itima dijo;Ke otile, e bile ke a nyelela.* 25  Ke fetogile sengwe se ba se kgobang.+ Fa ba mpona, ba tshikinya ditlhogo.+ 26  Nthuse tlhe Jehofa, wena Modimo wa me;Mpoloke ka lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng. 27  E kete batho ba ka itse gore seno se dirilwe ke seatla sa gago;Ba itse gore wena Jehofa, o se dirile. 28  A ba mphutse, le fa go ntse jalo, e kete wena o ka ntshegofatsa. Fa ba ntlhasela, e kete ba ka tlhabiwa ke ditlhong,Mme a motlhanka wa gago a itumele. 29  A ba ba ganetsanang le nna ba aparelwe ke tlontlologo;E kete ba ka apesiwa ke ditlhong jaaka fa ba apesiwa ke seaparo se seleele.*+ 30  Ke tla baka Jehofa ka tlhoafalo;Ke tla mmaka fa pele ga batho ba le bantsi.+ 31  Gonne o tla ema ka fa seatleng sa moja sa mohumanegiGore a mo golole mo go ba ba mo nyeletsang.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “a mo okamele.”
Kgotsa “molatofatsi.”
Kgotsa “a ka tsewa e le modirabosula.”
Seheb., “barwa.”
Seheb., “barwa.”
Kgotsa “E kete ba ba adimang ba bangwe madi ka morokotso ba ka baya dirai mo go.”
Kgotsa “lorato lo lo sa kgaotseng.”
Seheb., “bana ba gagwe ba ba se nang rre.”
Kgotsa “lorato lo lo sa kgaotseng.”
Seheb., “Nama ya me e bopame, ga e na mafura (leokwane).”
Kgotsa “seaparo se se se nang mabogo.”