Dipesalema 101:1-8
Pesalema ya ga Dafide. Pina.
101 Ke tla opela ka ga lorato lo lo sa kgaotseng le tshiamiso.
Jehofa, ke tla go opelela dipako.*
2 Ke tla dira ka botlhale le ka go tlhoka molato.*
O tla tla leng kwa go nna?
Ke tla tsamaya ka pelo e e se nang molato+ mo teng ga ntlo ya me.
3 Ga nkitla ke leba sepe se se se nang mosola.*
Ke tlhoile ditiro tsa batho ba ba fapogang se se siameng;+Ga nkitla ke ikamanya le bone.*
4 Pelo e e sokameng e kgakala le nna;Ga nkitla ke amogela* se se bosula.
5 Ope fela yo o senyang moagelani wa gagwe leina mo sephiring,+Ke tla mo didimatsa.*
Ope fela yo o nang le matlho a a mabela le yo o nang le pelo e e ikgodisang,Ga nkitla ke mo itshokela.
6 Ke tla amogela batho ba ba ikanyegang ba ba mo lefatsheng,Gore ba tle ba nne le nna.
Yo o tsamayang ka go tlhoka molato* o tla ntirela.
7 Ga go na motho ope yo o tsietsang yo o tla nnang mo ntlong ya me,E bile ga go na moaki ope yo o tla emang fa pele ga me.*
8 Moso le moso ke tla didimatsa* batho botlhe ba ba bosula mo lefatsheng,Gore ke kgaole badirabosula botlhe mo motseng wa ga Jehofa.+
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa “leletsa mmino.”
^ Kgotsa “ka bothokgami.”
^ Kgotsa “se se se nang molemo wa sepe.”
^ Kgotsa “Ditiro tsa bone ga di nngaparele.”
^ Seheb., “itse.”
^ Kgotsa “fedisa.”
^ Kgotsa “ka bothokgami.”
^ Seheb., “fa pele ga matlho a me.”
^ Kgotsa “fedisa.”