Dipesalema 55:1-23

  • Thapelo ya fa a tlhanogetswe ke tsala

    • Go kgobiwa ke tsala e kgolo (12-14)

    • “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa” (22)

Go mokaedi; e opelwe le diletswa tsa megala. Masekile.* Pesalema ya ga Dafide. 55  Ao tlhe Modimo, reetsa thapelo ya me,+Mme o se ka wa itlhokomolosa kopo ya me ya gore o nkutlwele botlhoko.*+  2  Ntheetse ka kelotlhoko mme o nkarabe.+ Go tshwenyega ga me go dira gore ke tlhobaele,+E bile ke tlhakatlhakane maikutlo  3  Ka ntlha ya se mmaba a se buangLe ka ntlha ya kgatelelo e e tswang mo mothong yo o bosula. Gonne ba mpakela mathata a mantsi,E bile ba setlhogo mo go nna.+  4  Pelo ya me e utlwile botlhoko thata,+Go boifa loso go a mphekeetsa.+  5  Ke welwa ke poifo le go roroma,Mme ke ngangatlelwa ke go tetesela.  6  Ke nna ke re: “E kete nkabo ke na le diphuka jaaka lephoi. Ke ne ke tla fofa mme ke nne ka pabalesego.  7  Ruri ke ne ke tla fofela kgakala!+ Ke ne ke tla nna kwa nageng.+ (Selah)  8  Ke ne ke tla potlakela kwa lefelong le le sireletsegilengKe tswa mo phefong e e tsubutlang, ke tswa mo setsuatsueng.”  9  Ba tlhakatlhakanye tlhe Jehofa, mme o kgoreletse dithulaganyo tsa bone,*+Gonne ke bone gore go na le thubakanyo le kgogakgogano mo motseng. 10  Ba o dikologa bosigo le motshegare ba le mo godimo ga dipota tsa one;Mo go one go tletse bosula le matshwenyego.+ 11  Mo go one go tletse tshenyo;Kgatelelo le tsietso di nna di le mo patlelong ya one.+ 12  Gonne ga ke kgobiwe ke mmaba wa me;+Fa e ne e le mmaba, ke ne nka itshokela seo. Ga ke a tlhaselwa ke sera sa me;Go seng jalo nkabo ke mo iphitlhetse. 13  Mme ke wena, motho yo o tshwanang le nna,*+Tsala ya me e ke e itseng sentle.+ 14  Re ne re le ditsala tse di utlwanang thata;Re ne re tle re tsamaye le batho ba bantsintsi re ya kwa ntlong ya Modimo. 15  E kete ba ka senngwa!+ A ba fologele mo Lebitleng* ba ntse ba tshela;Gonne bosula bo agile le bone e bile bo mo go bone. 16  Mme nna, ke tla biletsa kwa Modimong,Mme Jehofa o tla mpoloka.+ 17  Maitseboa le mo mosong le motshegare, ke a tshwenyega e bile ke lela selelo sa kutlobotlhoko,*+Mme o utlwa lentswe la me.+ 18  Modimo o tla nkgolola* mo go ba ba tlhabanang le nna a bo a nnaya kagiso,Gonne batho ba bantsintsi ba ntlhasetse.+ 19  Modimo o tla ba utlwa a bo a ba araba,+Ene yo o ntseng mo setulong sa bogosi go tswa bogologolong.+ (Selah) Ba ba sa boifang Modimo,+Ba tla gana go fetoga. 20  O* tlhasetse ba ba nnang le ene ka kagiso;+O tlodile kgolagano ya gagwe.+ 21  Mafoko a gagwe a borethe go gaisa botoro,+Le fa go ntse jalo, o eletsa ntwa. Mafoko a gagwe a boleta go gaisa leokwane,Le fa go ntse jalo, ke ditšhaka tse di somotsweng.+ 22  Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa,+Mme o tla go tshegetsa.+ Le ka motlha ga a kitla a letlelela mosiami go wa.*+ 23  Mme wena Modimo, o tla ba folosetsa mo khuting e e kwa tengteng.+ Batho bao ba ba nang le molato wa madi le ba ba tsietsang ba tla swa ba sa ntse ba le basha.+ Mme fa e le nna, ke tla go ikanya.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “Mme o se ka wa iphitlha fa ke rapelela gore o nthuse.”
Seheb., “o kgaoganye loleme lwa bone.”
Kgotsa “monna yo o lekanang le nna.”
Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “ke a tlalelwa.”
Seheb., “nthekolola.”
Go tewa motho yo e kileng ya bo e le tsala le Mopesalema yo o umakiwang mo temana 13 le 14.
Kgotsa “thetheekela; reketla.”