Dipesalema 9:1-20
Go mokaedi wa Mutha-labene.* Pina ya ga Dafide.
א [Aleph]
9 Ke tla go baka ka pelo yotlhe Jehofa;Ke tla bua ka ditiro tsa gago tsotlhe tse di gakgamatsang.+
2 Ke tla ipela le go itumela ka ntlha ya gago;Ke tla opelela* leina la gago dipako, wena Mogodimodimo.+
ב [Beth]
3 Fa baba ba me ba kata ka morago,+Ba tla kgopiwa ba bo ba nyelela fa pele ga gago.
4 Gonne o femela ditshwanelo tsa me le kgang ya me;O ntse mo setulong sa gago sa bogosi gore o atlhole ka tshiamo.+
ג [Gimel]
5 O kgalemetse ditšhaba+ e bile o sentse batho ba ba bosula,O phimotse leina la bone gore le se tlhole le nna teng ka bosakhutleng le go ya go ile.
6 Baba ba sentswe ka bosakhutleng;O kumotse metse ya bone,Mme ga ba kitla ba tlhola ba gakologelwa.+
ה [He]
7 Mme Jehofa o ntse mo setulong sa bogosi ka bosakhutleng;+O tswelela a busa mme ka metlha o atlhola ka tshiamiso.+
8 O tla atlhola lefatshe* ka tshiamo;+O tla atlhola ditšhaba ka ditshwetso tsa boatlhodi tse di siameng.+
ו [Waw]
9 Jehofa o tla nna lefelo la botshabelo le le sireletsegileng* mo bathong ba ba gateletsweng,+Lefelo la botshabelo le le sireletsegileng ka dinako tsa matshwenyego.+
10 Ba ba itseng leina la gago ba tla go ikanya;+Jehofa, ga o kitla o latlha ba ba go direlang.+
ז [Zayin]
11 Opelelang Jehofa yo o nnang mo Siona dipako;Itsiseng ditšhaba ditiro tsa gagwe.+
12 Gonne Modimo o tla gakologelwa ba ba bogisiwang e bile o tla ipusolosetsa mo go ba ba ba bolaileng;+Ga a kitla a lebala selelo sa ba ba bogisiwang.+
ח [Heth]
13 Nkutlwele botlhoko, tlhe Jehofa; bona kafa ba ba ntlhoileng ba mpogisang ka teng,Wena yo o ntsholetsang o nketsha* mo dikgorong tsa loso,+
14 Gore ke tle ke bolele ditiro tsa gago tse di tshwanelwang ke pako mo dikgorong tsa morwadia Siona,+Mme ke itumelele ditiro tsa gago tsa poloko.+
ט [Teth]
15 Ditšhaba di nwetse kwa tlase mo khuting e di e epileng;Lonao lwa tsone lo tshwerwe ke letlowa le di le fitlhileng.+
16 Jehofa o itsiwe ka katlholo e a e diragatsang.+
Motho yo o bosula o tshwerwe ke tiro ya diatla tsa gagwe.+
Higaione.* (Selah)
י [Yod]
17 Batho ba ba bosula ba tla ya kwa Lebitleng,*E leng ditšhaba tsotlhe tse di lebalang Modimo.
18 Mme bahumanegi ga ba kitla ba lebalwa;+E bile tsholofelo ya ba ba pelonolo ga e kitla e nyelela.+
כ [Kaph]
19 Dira sengwe, tlhe Jehofa! O se ka wa letla motho fela gore a fenye.
E kete ditšhaba di ka atlholwa fa pele ga gago.+
20 Dira gore ba boife, tlhe Jehofa,+A ditšhaba di itse gore ke batho fela ba ba sa reng sepe. (Selah)
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Kgotsa “letsa mmino.”
^ Kgotsa “naga e e ungwang.”
^ Kgotsa “kago e e sireletsegileng.”
^ Kgotsa “nkentsha.”
^ Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
^ Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.