Dipesalema 134:1-3
-
Go baka Modimo bosigo
-
“Tsholetsang diatla tsa lona lo le boitshepo” (2)
-
Pina Ya fa Go Tlhatlogelwa Kwa Motseng.
134 Bakang Jehofa,Lona batlhanka botlhe ba ga Jehofa,+Lona ba lo emang mo ntlong ya ga Jehofa bosigo.+
2 Tsholetsang diatla+ tsa lona lo le boitshepo*Mme lo bake Jehofa.
3 E kete Jehofa, Modiri wa legodimo le lefatshe,A ka lo segofatsa a le kwa Siona.
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa gongwe “mo lefelong le le boitshepo.”