Dipesalema 129:1-8

  • Go tlhaselwa mme o sa fenngwe

    • Ba ba tlhoileng Siona ba tla tlhabiwa ke ditlhong (5)

Pina Ya fa Go Tlhatlogelwa Kwa Motseng. 129  “Go tloga fa ke sa le mosha, ba ne ba ntlhasela ka metlha.”+ A jaanong Iseraele a re:   “Go tloga fa ke sa le mosha, ba ne ba ntlhasela ka metlha;+Le fa go ntse jalo, ga ba a mphenya.+   Balemi ba lemile go kgabaganya mokwatla wa me;+Ba dirile gore mesele ya bone e nne meleele.”   Le fa go ntse jalo, Jehofa o tshiamo;+O kgaotse dikgole tsa batho ba ba bosula.+   Botlhe ba ba tlhoileng Siona+Ba tla tlhabiwa ke ditlhong ba bo ba kata ka morago ba tlontlologile.   Ba tla nna jaaka bojang jo bo tlhogang mo marulelongJo bo omelelang pele ga bo kumolwa,   Jo bo ka se kang jwa tlala mo seatleng sa motho yo o bo kgetlangKgotsa mo mabogong a motho yo o kokoanyang dingata.   Ba ba fetang ka tsela ga ba kitla ba re: “E kete Jehofa a ka lo segofatsa;Re lo segofatsa mo leineng la ga Jehofa.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase