Dipesalema 147:1-20

  • Go galaletsa ditiro tsa Modimo tsa lorato le tse di maatla

    • O fodisa ba ba pelo e phatlogileng (3)

    • O bitsa dinaledi tsotlhe ka maina (4)

    • O romela kapoko jaaka kobo e tshweu (16)

147  Bakang Jah!* Go molemo go opelela* Modimo wa rona dipako;Ruri go a itumedisa e bile go a tshwanela gore a bakwe!+   Jehofa o aga Jerusalema;+O phutha batho ba Iseraele ba ba phatlaladitsweng.+   O fodisa ba ba pelo e phatlogileng;O hapa dintho tsa bone.   O itse palo ya dinaledi;O di bitsa tsotlhe ka maina.+   Morena wa rona o mogolo e bile o na le maatla a magolo;+Botlhale* jwa gagwe ga bo ka ke jwa lekanngwa.+   Jehofa o tsholetsa ba ba pelonolo,+Mme o latlhela ba ba bosula fa fatshe.   Opelelang Jehofa lo mo ntshetse ditebogo;Opelelang Modimo wa rona dipako lo letsa harepa,   Ene yo o khurumetsang magodimo ka maru,Ene yo o nesang pula mo lefatsheng,+Ene yo o medisang bojang+ mo dithabeng.   O naya diphologolo dijo,+O fepa magakabe a mannye a a goang a batla dijo.+ 10  Ga a kgatlhiwe ke maatla a pitse;+E bile ga a itumedisiwe ke maoto a a nonofileng a motho.+ 11  Jehofa o itumedisiwa ke ba ba mmoifang,+Ba ba letelang lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng.+ 12  Galaletsa Jehofa, wena Jerusalema. Baka Modimo wa gago, wena Siona. 13  O dira gore mephakalego ya dikgoro tsa motse wa gago e nonofe;O segofatsa barwa ba gago ba ba mo teng ga gago. 14  O tlisa kagiso mo nageng ya gago;+O go kgotsofatsa ka korong e e di gaisang tsotlhe.*+ 15  O romela taelo ya gagwe mo lefatsheng;Lefoko la gagwe le taboga ka bofefo. 16  O khurumetsa lefatshe ka kapoko jaaka e kete ka kobo e tshweu;+O gasamisa segagane fela jaaka melora.+ 17  O latlhela sefako* sa gagwe fa fatshe jaaka dithathana tsa senkgwe.+ Ke mang yo o ka itshokelang serame sa gagwe?+ 18  O romela lefoko la gagwe, se bo se gakologa. O dira gore phefo ya gagwe e foke,+ metsi a bo a elela. 19  O itsise Jakobe lefoko la gagwe,O itsise Iseraele melao le dikatlholo tsa gagwe.+ 20  Ga go na setšhaba sepe se sengwe se a dirileng jalo ka sone;+Ga ba itse sepe ka dikatlholo tsa gagwe. Bakang Jah!*+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “Halelujah!” “Jah” ke khutshwafatso ya leina Jehofa.
Kgotsa “letsa mmino.”
Kgotsa “Tlhaloganyo.”
Seheb., “ka mafura a korong.”
Kgotsa “dikgapetla.”
Kgotsa “Halelujah!” “Jah” ke khutshwafatso ya leina Jehofa.